Kgathi o aba ditlhare
11 Jan 2016
Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi, o abetse dikgotla tsa Dandane, Serumola le Sekoba kwa Bobonong ditlhare tsa meriti ka bosheng.
Fa a bua kwa tirong ya go aba le go lema ditlhare kwa dikgotleng tseo, Rre Kgathi a re o dirile seo a tsibogela tsholofetso e a neng a e dira ya go lema ditlhare mo mafelong ao ka go bo a sena meriti, ka jalo batho ba sokola ka nako ya diphuthego tsa kgotla.
A re o setse a dirile jalo kwa kgotleng ya Moshashambe, a supa fa go lema ditlhare go le botlhokwa ka e le tsela nngwe ya go baakanya loapi le le setseng le kgotlelesegile, mme a kopa banni ba Bobirwa go lema ditlhare mo malwapeng, bogolo jang ka kgaolo e e tshabelelwa ke leuba.
O gwetlhile banni ba dikgotla tseo, bogolo jang bana ba ba berekelang kwa ntle go emela dikgotla tsa bone ka dinao go di tlhabolola ka go di agela maobo gore go nne le meriti, segolo ka bagodi ba amogelela mo dikgotleng tse.
Rre Kgathi, yo gape a leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o ne a abela dikgotla tse ditilo di le masome mararo. Kgotla ngwe le ngwe e filwe di le some. Rre Kgathi o kopile banni go amogela 2016 e le ngwaga wa kutlwano, tirisano mmogo, lorato le go bereka ka bonatla gore lefatshe leno le tswelele pele.
Dikgosana tsa dikgotla tseo, borre Kgosietsile Agosi wa Dandane, Onketletse Serumola wa Serumola le Basuti Masilo ba amogetse dimpho tseo mme ba supa fa ba tlaa di tlhokomela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Kabo ditlhare
Date : 11 Jan 2016






