Lenaneo la ESP le tlaa dira ditiro
11 Jan 2016
Mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, o kopile batho ba kgaolo ya gagwe go inaakanya le mananeo a a tla tlang ka tlhulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) go tlhabolola matshelo a bone.
Rre Batshu o buile seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Changate le Dagwi ka Laboraro. A re lenaneo la go rudisa itsholelo le itebagantse le mananeo a a neng a le mo ditogamaano tsa ditlhabololo, a a neng a le mo polaneng gape a sekasekilwe mme a seegelwa fa thoko ka nako ya kwelo tlase ya itsholelo.
A re leo le itebagantse le go direla Batswana ditiro ka jalo a gwetlha batho go inaakanya le mananeo a a tlaa dirwang ka ESP.
O ne a tlhalosa fa lephata la bong le lone le neetswe madi ka lenaneo la ESP go thusa bomme go itirela ditiro. A re jaanong motho o kgona go ikopela a le nosi a fiwe P100 000, ba le babedi P200 000,bararo P300 000 kana ba feta palo eo ba thusiwa ka madi a a rileng.
A supa fa seo se tlaa araba selelo sa gore mananeo a bomme a ba neng ba a kopa pele ba le ditlhopha a ne a sena tema le maduo ka seo a rotloetsa bomme go ikopanya le ba lephata leo go ikopela mananeo.
Rre Batshu o ile a tlhalosa fa go solofetswe go dirwa ga tsela ya Tutume/Maitengwe e e tlaa akaretsang tsela ya Changate ya dikhilomithatra di robabongwe le ya Dagwi e e dikhilomithara tse thataro.
Mo go tse dingwe,Rre Batshu o ne a kopa batho ba kgaolo ya gagwe go simolola go baakanyetsa boipuso jwa monongwaga,a re ke jo bo faphegileng ka Botswana o tlaa bo a nna dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa.
Banni ba metse eo ba ne ba lela ka ditlou tse di ba senyetsang kwa masimo ka go kgaola terata ya molelwane le go senya didiba tse ba nosang leruo la bone mo go tsone le tiego ya dikatso fa ba senyeditswe.
Mogolwane mo lephateng la diphologolo,Rre Mbututu Mbututu o ne a tlhalosa fa diphologolo di ne di tshabetse mo Botswana ka bontsi go tswa kwa Zibababgwe di latile metsi. A re seo se ne se le maswe thata ka le kwa kgaolong ya Nata\Gweta dinare di ne di swela mo motseng e le ka lebaka la lenyora. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Changate
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jan 2016






