Rekang diabe tsa BTCL
11 Jan 2016
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe go reka diabe tsa koporase ya megala ya Botswana Telecommunications Corporation Limited (BTCL).
Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa Pallaroad, Mookane, Mmaphashalala le Dovedale bosheng, Mme Tshireletso o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go reka diabe tseo.
O tlhalositse fa thekiso ya diabe tse e le tsela nngwe ya gore puso e ithole ditiro go di tsenya mo diatleng tsa Batswana.
“A le lona le reke diabe, ga se tsa bahumi kgotsa barutegi, ke tsa mongwe le mongwe, seabe se le sengwe ke P1,” Mme Tshireletso a gwetlha batlhophi.
O tlhalositse gore go reka diabe tsa BTCL ke go tsenya madi mo koporaseng eo gore e kgone go itsamaisa mme fa koporase e dira sentle ba ba rekileng diabe ba tlaa bona dipoelo kgotsa morokotso go tswa fela gore ba rekile diabe di le kae.
A re batho ka bongwe ka bongwe ba ba rekileng diabe ba bona morokotso fa koporase e sena go duelwa ditshenyegelo tsotlhe tsa yone.
A re diabe tseo di tlaa simololwa go rekisiwa ka Mosupologo mo diofising tsa koporase eo, mo diposong le banka ya Barclays.
Thekiso e tlaa wela Mopitlo a tlhola gane.
Moagi wa Palla Road, Rre Kemoreng Moagi o ne a botsa mothusa tona gore a fa go na le kwelo tlase ya itsholelo koporase e ka phutlhama mme madi a motho yo o rekileng diabe abo a tsene ka mothobodika.
Fa a tsibogela matshwenyego a, Mme Tshireletso o ne a gakolola batlhophi gore jaaka kgwebo nngwe le ngwe go nna le diemo tse di siameng le tse di sa siamang,mme a ba gakolola go tsena mo kgwebong ba lebile dipoelo. Ends
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Pallaroad
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jan 2016






