Baithuti ba Dagwi ba feta ka tse di tsididi
10 Jan 2016
Go ne go rena boitumelo le megolokwane kwa motseng wa Dagwi morago ga gore sekole se sebotlana sa motse oo se tseye maemo a ntlha mo maduong a lekwalo la bosupa.
Batho ba Dagwi ba supile boitumelo jo bogolo ka nako ya phuthego ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu.
Baithuti ba sekole seo se sebotlana sa Dagwi ba ba neng ba dira lekwalo la bosupa ba fentse ka matshwao a lekgolo mo lekgolong, kgotsa ba fetile ka tse di tsididi botlhe fela.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Mercy Chipaladza a re baithuti bao ba ne ba le masome mabedi le borataro mme mo go bone ba ba boneng maduo a ntlha ba robabobedi, maemo a bobedi ba robabobedi le bone, fa ba ba tsereng maemo a boraro ba le lesome mme go sena ba ba paletsweng ka dintlhotse mo go bone.
Rre Batshu o ile a galaletsa sekole seo thata, a re seo se supa tshwaragano ya ba-na-le-seabe mo dithutong tsa ngwana.
O ne a bolela fa a reketse dikole tse di mo kgaolong ya gagwe sejana se se amoganwang gore sekole se se gaisang se neelwe sejana seo le madi a P5 000 go thusa mo ipelelong phenyo.
Rre Batshu o ne a tlhalosa fa mo kgaolong ya Nkange, sekole sa Dagwi le sa Changate di dirile botoka thata ka tsotlhe di fentse ka maemo a ntlha mme sa Dagwi sa nna kwa godimo ga sa Changate fa go lebelelwa dilo dingwe le ntswa ba le mo maemong a lekgolo mo lekgolong botlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Dagwi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jan 2016






