Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo ya polao

10 Jan 2016

Mapodisi a Shoshong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Bokaa kwa Shoshong a hudileng a ba a bolaya mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le motso ka tlhobolo ya 3006 gaufi le masimo a Tobela.

Motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang a re tiragalo e, e diragetse ka Mosupologo wa beke eno gaufi le motse wa Tobela. A re monna yoo wa dingwaga tse di masome a mane o ne a bolaya mosadi yoo fa pele ga ngwana wa gagwe wa dingwaga tse some, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa mo setlharing sa morula.

Le fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kgotlhang fa gare ga batho bao, ba go bolelwang e kile ya nna baratani, menahune e e tlhomamisegang e bolela fa mosadi yoo a tlholega kwa Gojwane kwa kgaolong ya Serowe bokone.

Superintendent Badisang o tlhalositse fa direpa tsa batho bao ka bobedi di beilwe mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalpye go tlhatlhobiwa ke dingaka fa maina a bone a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe.

Kwa Sefhare, Superintendent Badisang o bolela fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng setopo se sena leoto fa se goroga kwa mmoshareng wa Roscla kwa Sefhare se tswa go tsewa kwa mmoshareng wa Lyns mo Mahalapye kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le borobabongwe.

A re e le mapodisi ba begetswe tiragalo eo ke badiri ba mmoshara wa Roscla gammogo le ba lelwapa la moswi ba ba neng ba hakgamatswa ke go bona moswi a sena leoto ntswa a isitswe kwa mmoshareng a na le maoto otlhe. Superintendent Badisang o tlhaloseditse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong fa ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa moswi a lokolotswe leoto la moja mo lengoleng.

Mapodisi a tsweletse ka dithothomiso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 10 Jan 2016