Breaking News

Botsamaisi jwa Mahupu bo ikaelela go tokafatsa maduo

10 Jan 2016

Sekole se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, se itomile molomo wa tlase go ntsha maduo a a nametsang go tswa gompieno go ya pele.

E rile a bua kwa phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng, mogokgo wa sekole se, Rre  Khan Masau a re ba ikaelela go tshwaragana le batsadi ba bana ba ba dumelelwang mo go sone go tswa mo metseng yotlhe ya kgaolo-potlana ya Letlhakeng.

A re sekole sa Mahupu se tswa kgakala se sa ntshe  maduo a a kgatlhisang gotlhelele, mme a re go tlhoka go ntsha maduo go tsalwa ke tirisanyo e e loleya gareng ga barutabana le batsadi mo go bakang gore baithuti ba tlhoke botho le go tlhoka go kgatlhegela thuto.

Rre Masau a re seemo se, se digela maduo kwa tlase ngwaga le ngwaga.

O supile fa maitlamo a bone, e le go aga botsalano jwa motia gareng ga barutabana le batsadi ka jaana tshwaragano magareng ga bobedi joo e le yone e ka thusang go tokafatsa maduo. 

A re se, se ka kgonagala fela fa batsadi le bone ba ka ikitaya ka thupana.

O ikuetse mo batsading go tsibogela go tlhabolola boleng jwa thuto le go kgatlhegela go itse gore ngwana o tshela jang kwa sekoleng le gone go nna kelotlhoko gore a ngwana o tlhwaafaletse tiro ya sekole.

Mo go la gagwe, mookamela lekalana le le itebagantseng le tlhokomelo ya baithuti e bile e le morutabana go tswa kwa sekolong seo, Rre Mompati Tlhabiwe o supile fa ba sa kgotsofalele tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi, ka a re ba goga dinao mo dithutong tsa bana.

Rre Tlhabiwe a re ga go thuse sepe gore e re maduo a tswa a sa kgotsofatse batsadi le barutabana ba bo ba supasupana ka monwana, mme a re go botlhokwa gore gangwe le gape ba kopane go tswa ka tharabololo ya mathata a a lebaneng sekole.

Go ntse go le foo, o ne a kopa batsadi le baithuti go bala le go tlhaloganya bukana ya melawana le tsamaiso ya sekole. 

A re bukana e, e gakolola moithuti ka fa a tshwanetseng go itshwara ka teng mo sekoleng e bile gape e gakolola motsadi ka tsamaiso ya sekole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 10 Jan 2016