Breaking News

Isang Botswana pele-Batshu

11 Jan 2016

Mopalamente gape e le tona ya tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o gakolotse banni ba Maitengwe ka mowa wa go isa Botswana kwa pele go nna setshaba se se atlegileng ka itsholelo e e faphegileng go aga matshelo a a botoka.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Maitengwe, Rre Batshu o ne a re nako kgolo ke yone e ka ngwaga wa 2016 o tsisa ipelo ka lefatshe la Botswana le tlaa bo le ikgalaletsa go bo le gogile mo dingwageng tse di masome a matlhano le ntse le tsere puso.

O ne a re tsela e ne e se e e bonolo ka dinako tsotlhe, mme a re mo maitlamong le maikemisetso a bone e le puso go kgabisa lefatshe la Botswana, mangwe a maitlamo a atlegile, dingwe di tsweletse ka go dirwa fa tse di saletseng kwa morago ba ititeile ka thupana go di diragatsa.

Fa a kaya pharologanyo e e diragetseng go tswa kwa ngwageng wa 1966 go tsena mo go wa 2016, o ne a bua ka ditlhabololo le dikgwetlho di tshwana le tsa letlhoko la ditiro.

Mme a re puso e ne ya bona go le maleba gore ba ntshe mananeo a a ka tshetsang setshaba se se rategang sa Botswana.

Fa a nankola mananeo a tshwana le a Livestock Management Infrastructure Development (LIMID) le Youth Development Fund (YDF), a re a lole ntwa ya dira ga di bonwe ka go pepetletsa matshelo a Batswana ka nako ya fa ramatheka a tlhasetse.

Rre Batshu o ne a re o eletsa go bona ditoro tsa baeteledipele ba Botswana di anama le lefatshe di bo di atlega.

A re morafe o seka wa ikaega thata ka puso o bo o iketla, a re ba lope go tsenya letsogo ka go tlaa ba tswa thuso.

Fa a neela dipalo tsa letlhoko la ditiro, o ne a bua ka dikete tse di masome a mararo le boferabobedi, mme a re ntwa ba e lole ka jaanong mo dingwageng tse tsotlhe fa e sale lefatshe la Botswana le tsaya puso, go a supa gore tiro e dirilwe ke baeteledipele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : Maitengwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jan 2016