Mapodise a tlhotlhomisa leso
07 Jan 2016
Mapodisi a Selebi Phikwe ba tlhotlhomisa leso la monna mongwe wa Tsetsebjwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe yo o fitlhetsweng a tlhokafetse kwa maitisong ka letsatsi la bofelo la ngwaga (31 December 2015) ko merakeng ya Majweng gaufi Selebi Phikwe.
Mo potsolotsong le BOPA, motshwarelela ramapodisi wa Selebi Phikwe, Superintendent Goganang Pule a re go belaesega moswi a tlhabilwe ka sengwe se se bogale.
Rre Pule a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme ga ba ise ba tshware ope mabapi le leso la monna yoo mme ba mo patlong ya modiramolato. Superintendent Pule a re ba kopa setshaba go ba thusa ka ditlhotlhomiso mme ope yo o nang le kitso kana lesedi ka kgang e a ikopanye le mapodisi.
Mo go tse dingwe Superintendent Pule o supile gore ka malatsi a keresemose le a ngwaga o mosha mapodisi a Selebi Phikwe a gatistse dikotsi tsa dikoloi di le tharo, dititeo di le lesome le bobedi, dikgang di le tharo tsa go thubiwa ga matlo,le dikgang tse pedi tsa go amoga batho dithoto ka tsietso.
Le fa go ntse jalo Superintendent Pule a re, e le ba sepodisi ba itumelela boitshwaro jwa banni ba kgaolo, le bagwebi ba mafelo a itloso bodutu ka gore ba ne ba dirisanya le bone sentle e bile ba tswetse ka nako e e neng go dumalwane ka yone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 07 Jan 2016






