Breaking News

Go tla agwa kokelo ko Tutume

07 Jan 2016

Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu a re go solofetswe go agiwa kokelo e e nang le malao a le masome a supa ka thulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo (Economic Stimulus Programme) go arabela selelo sa mosuke kwa kokelong ya Tutume.

Rre Batshu o buile seo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Madikwe, Senete le Mabuwe ka Labobedi.

A re dingwe tsa ditiro tse di solofetsweng go dirwa ka lenaneo leo ke yone kago ya kokelo, ditsela tse di fa gare ga motse le go isa ditlamelo kwa ditsheng tse di kwa kgotleng ya Magapatona.

O ile a tlhalosa fa mananeo ao a ne a le mo thulaganyong mme ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo, a seegelwa fa thoko, ka jalo a tlaa dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo.

Mopalamente o ne a kopa batho ba kgaolo ya gagwe go amogela ditlhabololo tse di tlang, a re sejo sennye ga se fete molomo, mme a tlatsa ka gore go santse go le thata gore dikopo tsa bone di ka diragadiwa tsotlhe, mme fela fa madi a nna teng di tlaa nna di ketlolwa.

Rre Batshu, yo gape e leng tona ya pereko le selegae, o tsweletse a bolela fa tsela ya Goshwe e sa akarediwa mo lenaneong la ESP ka e ne e sa akarediwa mo mananeong a ditogamaano tsa ditlhabololo mme e tlaa nna mangwe a mananeo a a tlaa bong a beilwe leitlho mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa setshaba tsa lesome le motso.

O rile tsela eo ya Goshwe go hirilwe boradikonteraka ba le babedi go e shafatsa le go dira metshelakgabo e tiro ya teng e tlaa lopang didikadike di le tharo tsa dipula.

Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a bolela fa terena ya setshaba e boela mo tirisong ka kgwedi ya Moranang mme go tlaa nna le diphetogo tsa mafelo a e tla tsamayang e ema mo go one.

A re e tla ema mo maemelong a terena a le marataro fela a tshwana la Francistown, Mahalapye, Gaborone, Palapye. Lobatse le Serule.

Banni ba dikgotla tseo ba ne atla lenaneo leo la go rudisa itsholelo ka diatla tsoo pedi, ba re tsholofetso ga e tlhabise ditlhong.

Ba ile ba supa matshwenyego a bone a go tlhoka go thusiwa sentle ke lephata le metsi, ba bolela fa ba tswa kgakala ba ikuela ka lephata leo ka megobe e tletseng gongwe le gongwe le dikoloto tse di sa tlhomameng mme nako kgolo ke eno.

Monni wa Madikwe, Rre Bigboy Chavaphi o ile a kopa puso gore e leke go rola tiro lekalana leo la koporase ya metsi, ka go lebega le palelwa kana le fekeediwa ke tiro.

Rre Batshu o ne a bolela fa puso e itse ka seemo seo mme go lekwa ka bojotlhe go arabela selelo seo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego ya sepolotiki

Date : 07 Jan 2016