Kereke e abela bagodi batlhoki
07 Jan 2016
Kereke ya Baatlhodi mo Lokgwabe e abetse bagodi le batlhoki ba Lokgwabe ba ka tshwara masome a mararo dimpho tsa melora le diaparo.
E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tseo o o neng o rulagantswe ke kereke eo bosheng, moruti wa kereke eo Mme Monica Kgogobi a tlhalosa fa ba bone go le maleba go thusa ba ba kobo dikhutshwane e le nngwe tsela ya go tsibogela mokgosi wa ga Tautona wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O ne a supa gape gore ba ne ba tshwenngwa ke go bona diemo tsa bagodi tse di tlhobaetsang mo motseng.
A re ke ka moo ba boneng go tshwanela go diragatsa letshego lengwe la tebelolpele ya 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.
O tlhalositse fa ba bone go tshwanela go thusa puso mo go tokafatseng matshelo a batho ka kakaretso lefatshe ka bophara.
O ne a re ba gwetlhilwe ke mafoko a a mo baebeleng a a reng go sego yo o utlwelang botlhoko gonne o tlaa utlwelwa botlhoko.
Mme Kgogobi a re ba simolotse go thusa batlhoki ka ngwaga wa 2013 fa ba ne ba abela batlhoka pono madi a a ka tshwarang P2000.
O ne a re maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego ngwaga le ngwaga.
A re e le ba kereke ya Baatlhodi ba ikaeletse go thusa batlhoki ka sepe fela se ba nang le sone ka jaana Motswana a boletse gore sejo sennye ga se fete molomo. O tlhalositse fa ba ikaeletse go tswelela ba thusa bagodi le batlhoki mo metseng e e farologaneng.
A re ba ne ba bona go le matshwanedi go kgobokanya madi mo kerekeng gore ba tle ba fitlhelele maikaelelo a bone go thusa batlhoki le bagodi.
O boletse fa maitlamo a bone e le go thusa mongwe le mongwe yo a tlhokang, ba sa itebaganye le ba ba tsenang kereke ya bone fela.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Moabi Molatole o ne a lebogela kereke ya Baatlhodi tiro e ntle e ba e dirileng a supa fa ba dirile se se eletsegang mo setshabeng.
Rre Molatole o ne a rotloetsa dikereke tse dingwe go nna le seabe mo go lekeng go fetola matshelo a ba ba tlhokang.
O kgothaditse kereke eo go tswelela ka mowa o montle wa kutlwelo botlhoko.
O gwetlhile batlhoki le bagodi go ineela mo Modimong gore matshelo a bone a tle a tokafale, a tlhalosa fa Modimo e le botshabelo jwa rona e bile re ka bona thuso e e gaufi mo go ene.
A re o lebogela kereke eo go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele a 2016, a supa fa seo se papamatsa fa Batswana e le batho ba ba kutlwelobotlhoko, e bile ba eletsa go bona bangwe ka bone ba fetoga.
E ne ya re fa a ntsha la gagwe mongwe wa ba ba abetsweng Mme Sarah Janku, a supa fa a itumeletse dimpho tseo.
A re dimpho tse, di tlaa ba thusa fela thata, a tlatsa ka gore di tlaa tlisa phetogo mo matshelong a bone.
O ne rotloetsa ba ba amogetseng dimpho go boifa Modimo le go mo ikanya ka dinako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Lokgwabe
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Jan 2016






