Breaking News

Kgosi Moroka o rolela bagodi hutshe

06 Jan 2016

Kgosi Sello Moroka wa Lerala o roletse futshe bagodi ba motse wa Lerala go bo ba nnile le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno.

Fa a bua ka letsatsi la go ipela le bagodi kwa kgotlaneng ya Tlokweng kwa Lerala, Kgosi Moroka a re bagodi ba tshwanelwa ke go rolelwa futshe go bo ba nnile le seabe se setona mo go tlhabololeng lefatshe le ntswa bontsi ba bone bo ne bo sena dithutego dipe tse di kalokalo. 

A re bagodi ba kgonne go somarela kagiso le thitibalo e lefatshe leno le itsegeng ka yone, a tlatsa ka gore lefatshe leno le bopagantswe ke bagolo ka diatla tsa bone ba dira ka botswapelo.

A re fa e ne e se ka bone, lefatshe leno le ka bo le kopakopane jaaka mafatshe a mangwe a a nang le dipheretlhego. O ba lebogetse go bo ba ile ba tsamaisa lefatshe le sentle mo bonaneng ja bone, a re lefatshe leno le godile mo go tsa itsholelo le kagiso le thokgamo.

A re bagolo ba dirile tiro e tona ka go godisa bana ba ba nang le boikarabelo, ba le bone ba gatang mo motlhaleng wa batsadi ba bone.

A re kgwetlho e lefatshe leno le nang nayo ke maitsholo a banana ba gompieno a a tsogang a tsenya lefatshe leno ka motlhobodika ba senyolola motheo o o saleng o dirilwe ke bagolo.

A re banana ba gompieno ba dule mo tseleng e bile ba tshabelelwa ke go nwa bojalwa le ditagi tse dingwe tse di sa letlelelweng mo lefatsheng leno.

A re go mo maruding a batsadi ba bone gore ba godise bana ba bone sentle gore ba tsoge ba tsweledisa tema e e saleng e thailwe ke bagolo.

A re batsadi ba gompieno ba ele tlhoko gore a  ka fa ba godisang bana ka teng a ba ka tsoga ba isa lefatshe leno ko pele kana ba le digela ka lemena.

A re go botlhokwa gore bagolo ba tshwaraganele go godisa bana sentle.

Mongwe wa barulaganyi ba moletlo o, Dr Tebogo Selebatso a re o dirile moletlo o go leboga bagodi kana batsadi ka seabe se ba se dirileng mo kgodisong ya bana le go tsisa ditlhabololo tsa motse wa Lerala.

O lebogile Modimo go bo bagodi bao ba kgonne go tshela dingwaga tse di masome a supa le go feta, a re se se supa fa Modimo o ile wa ba segofatsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Tsatsi la ipelelo bagodi

Date : 06 Jan 2016