Breaking News

Domkrag ga ipone tsapa

06 Jan 2016

Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi a re phathi ya Botswana Democratic  e ka seke  e ipone tsapa go tswelela ka go tlhabolola matshelo a Batswana.

Rre Kgathi, yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o  buile jalo kwa phuthegong ya phatlalatsa ya go ipelela phenyo ya kgaolwana ya bokhanselara kwa Moletemane bosheng gore banni ba motse oo ga ba a dira phoso go tlhopha Rre Elijah Basinyi go nna mokhanselara.

A re le fa go na le baganetsi, ga ba na mananeo ape a ba ka a dirisang go ngoka batlhophi.

Rre Kgathi o kgadile phathi ya Botswana Congress a re e ne e dirisa tsietso ka go kwadisa batlhophi ba le masome a mane mo kgaolong ya Moletemane ntswa e se ba kgaolo eo, a supa fa kgang eo e ne ya rarabololwa ke lekgotla la ditsheko.

Rre Kgathi a re ntlhophang  wa bopalamente yo BCP e ntseng e mo roma makgetho a le mane kgotsa dingwaga tse di masome mabedi tse di fetileng ga a na  boleng le mashetla a go etelela kgaolo ya Bobonong pele e bile batlhophi ba mo ikgatholose.

O supile fa Domkrag e tlaa tswelela ka go tlhabolola Batswana ka e itse mathata a bone, a supa fa Moletemane a na le khamphani ya dikoko ya Bokomo Richmark  mme tsela le kgokelo ya metsi e tlaa dirwa gore tiro ya yone e nne motlhofo.

A re o tlaa tswelela ka go emela motse o gore ditirelo tse di neng di saletse kwa kgaolong ya Tswapong bokone fa motse o o boela kwa Bobirwa  le tsone di fudusediwe koo gore ditlamelo di tsamae ka thelelo.

Sebui se sengwe, Rre Lotty Manyepetsa  ene a re Domkrag ga e na molekane mo mererong ya puso mo Africa ka bophara ka e kgonne go tokafatsa matshelo a Batswana e bile go rena kagiso.

Rre Manyepetsa a re Botswana o na le moeteledipele yo o kgathalang ka matshelo a setshaba. A re  Tautona  Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama  o tsamaya motse le motsana go lekola setshaba . Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Moletemane

Event : Phuthego ya sepolotiki

Date : 06 Jan 2016