Breaking News

Ba ikaelela go tshela maitlamo a bone

06 Jan 2016

E re ka e le maitlamo a Motswana mongwe le mongwe gore fa ngwaga o simologa a nne le maikaelelo, Batswana ka go farologana ba ne ba ntsha maikaelelo a bone a ngwaga ono wa 2016.

Mo potsolotsong le banni ba Serule le Gojwane ba ne ba supa fa ba dumela gore ngwaga ono o tsile go nna  monamagadi ka ba ikaeletse go dirisa mananeo a puso go itlhotlhora lehuma ka go tlhabolola matshelo a bone.

Dimpho Peter wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi  a tswa ko Serule a re ene maikaelelo a gagwe ke go ikgolaganya le maneneo a puso a go tsenya banana dikole tsa ithutelo tiro ya diatla gore a tle a kgone go nna le kitso mme a kgone go bona tiro mo isagong gore a itshetse le ba lelwapa la gabone.

Neo Dineo yo e leng monana go tswa motseng wa Serule a re maitlamo a gagwe a magolo ke  go batla tiro gore a kgone go tlhokomela ba lelwapa ka a na le lebaka a sa bereke mme seo se mo ketefaletsa botshelo.

Kwa motseng wa Gojwane, mme Mogae Thamae, a re mo ngwageng wa 2016 o batla go ipona a ipereka ka a na le bokgoni jwa go apaya borotho ka mefuta.A re kgwebo ya go apaya borotho e na le poelo e e ka tshedisang motho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Galaletsang Molelekwa

Location : Serule

Event : Potsolotso

Date : 06 Jan 2016