Breaking News

Busetsang serodumo sa bogosi

06 Jan 2016

Dikgosi tsa kgaolo ya Shoshong di kopilwe go nna seopo sengwe mme ba busetse serodumo se dikgosi le dikgotla di neng di simologile di le mo go sone.

Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Shoshong gape e le mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirela puso Rre Dikgang Makgalemele fa a buisa dikgosi kwa Shoshong ka Laboraro.

Rre Makgalemele a re bogologolo dikgosi di ne di itsiwe e le batho ba ba bayang metse ya bone le batho ba bone kwa pele, ba somarela ngwao, go tsamaisa dikgang tsa ditlhabololo mo metseng ya bone ga mmogo le go rotloetsa puso ya batho ka batho.

O ne a tlhalosa gore go tswa bogolologolo kgotla e ne e le lefelo le go thaelwang ditlhabololo teng, go tlhamela batho ditiro le gone go agisanya batho, mme a ba kopa go busetsa tsotlhe tse.

A re dikgotlana di ne di itse thata go betla diphatlha tsa mebereko mo banning ba tsone, go sena epe kgotla e e saletseng kwa morago mme a kopa dikgosi go ema ka dinao go bona gore dikgotla tsa metse le dikgaolwana tsa bone di ema ka dinao.

Rre Makgalemele o ne a galaletsa dikgotlana tsa Gookojwane le Malomeletsa mo Shoshong a tlhalosa fa di setse di ikaile fa di gatetse kwa  pele go tokafatsa matshelo le tikologo ya bone.

O ne a kopa dikgosi tse dingwe go tsaya malebela mo dikgotlaneng tse, ba di etela go ya go tsaya maele a gore ba ka dira jang go tokafatsa dikgotla tsa bone.

O ne a ba tlhagisa go itshekatsheka go thusa puso mo maitekong a yone a go fokotsa lehuma le go betla ditiro.

Rre Makgalemele a re puso e sa tswa go simolodisa lenaneo la go rudisa itsholelo le ka lone e ikaelelang go oketsa lobelo lwa go tlhama diphatlha tsa ditiro mo lefatsheng.

A re ka lenaneo le puso e tsile go oketsa dikago, go tlhabolola ditsela, go rotloetsa bojanala le tse dingwe tse di batlang seabe sa dikgosi mo teng go bona gore ba nna le seabe mo go kabakanyeng ga itsholelo ya lefatshe.

O ne a tlhalosa gore lebelo le, ga le kake la kgonwa ke puso e le nosi e patilwe ke mapalamente mme dikgosi di tshwanetse go ema ka dinao ka dikgotla tsa bone go bona gore ba tsenya letsogo.

E ne e rile go le pele Kgosi Felix Kgamane a amogela dikgosi le mopalamente a tlhalosa fa a itumelela se Rre Makgalemele a se dirang mo kgaolong ya bone gore e re pele a simolodisa diphuthego a kopane le bone e le bogogi ba metse go tla go buisana.

Kgosi Kgamane a re go a itumedisa fela e le ruri, a tlatsa ka gore banni ba kgaolo ya gagwe ba lela thata ka bokgakala ja ditlamelo tse ba di latelang kwa Mahalaye mme a botsa gore a puso e ne e sa bone go le botoka go tsisa ditlamelo dingwe gaufi le bone di tshwana le tsa ditlankana tsa matsalo le dikarata tsa Omang. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Mahalapye

Event : Bokopano

Date : 06 Jan 2016