Breaking News

Goya o rotloetsa talente ya go kwala

05 Jan 2016

Talente ya go kwala dibuka ke nngwe ya dilo tse di ka tlhamelang Batswana ditiro.

Fa a bua kwa tshimolodisong ya buka ya Scar of Life e e kwadilweng ke Moruti Letty Sebutlana wa kereke ya Garrison Ministries mo Palapye bosheng, mothusa tona wa tsa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraela Goya o rotloeditse ba ba nang le talente ya go kwala go e dirisa go thusa puso go tlhamela Batswana ditiro.

Rre Goya, yo e bileng e le mopalamente wa Palapye, a re Moruti Sebutlana o tshwanelwa ke go ntshetsa botlhale jwa gagwe mo setshabeng gore bo tle bo solegele Batswana le lefatshe ka bophara molemo ka gore go kwala dibuka go a tlhokega, bogolo jang ka gore bakwadi ba dibuka ba a balwa mo lefatsheng leno.

 A re buka e ka Setswana e bidiwa ya dipadi tsa botshelo mme e ruta Batswana ka go tokafatsa botshelo jwa bone, bogolo jang ka e ganeletse mo go ruteng ka sekeresete.

 Buka e e supa fa Modimo a  ruta batho gore ba seka ba ineela mme ba nne ka tsholofelo ya gore botshelo jwa bone bo tlaa tokafala.

 A re buka e e botlhokwa mo botshelong jwa motho, bogolo ka malatsi ano batho ba lebagane le dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo.                     

 O rotloeditse Batswana gore mongwe le mongwe a itshegele tema ya gore o ya go dira eng mo ngwageng o o simologang go isa lefatshe leno kwa pele.

A re fa e le gore ba ne ba sa atlega mo ngwageng o o fetileng ba tshwanetse ba leka go lwela gore o o simologang one ba tle ba atlege.

Rre Goya o ne a ba rotloetsa gore ba simolole go tlhatlhoba matshelo a bone ba bo ba dirisa buka e ka gore e ka ba tsenya mo legatong le le ntle la botshelo.

 O ne a ba rotloetsa go bala, a re go ka ba thusa gore ba seka ba fenngwa ke mmaba yo o ka ba isang thaelong, bogolo jang banana ka e le bone gantsi ba tshabelelwang ke go kgokgontshiwa.

 Fa a tswa la gagwe, Moruti Sebutlana o ne a re buka e e mosola, segolo jang ka e ruta ka tsholofelo ya botshelo.

A re gape e supa gore e ka ba thusa batho go ralala dikgwetlho mme kwa bofelong ba fenye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : Palapye

Event : Tshimolodiso ya buka

Date : 05 Jan 2016