Banni ba Magoriapitse ba ntsha megopolo
05 Jan 2016
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Magoriapitse mo kgaolong ya borwa, Rre Geoffrey Khoane o boletse fa ba American Embassy ba solofeditse go ntshetsa ntlo lohalahala ya banana e e nang le ditirelo tsa metshameko ka bontsi P215 000.
A re kago yotlhe e tlaa lopa P600 000, mme a kopa banni le babereki go ba ema nokeng ka go ntsha madi gore tlhabololo eo e diragale.
O buile jalo mo phuthegong e biditswe ke komiti ya ditlhabololo tsa motse go lekodisa morafe ka ditlhabololo tse di tsweletseng le go kopa megopolo mo babereking ba motse oo ba ba direlang kwa ntle ga motse.
Phuthego e ne e tsenwe ke mothusa tona wa botsogo e bile e le mopalamente wa kgaolo eo, Dr Alfred Madigele.
Rre Khoane a re banana ba tlhoka kwa ba itlosang bodutu teng jaanong ba Leela mo dibareng ba itontela dinotagi le go dira ditiro tsa borukutlhi.
O boletse fa lefelo le bonetse fa go tlaa agwang teng. Mo tlhabololong e nngwe ba boletse fa letsha le le fa tlase ga motse le ka oka bajanala fa le ka tlhabololwa.
O boletse fa le na le ditlhare tse di kgatlhang e bile di bonelwa teng fela. Go ka tseelwa teng dinepe le go lala mo ditanteng.
Le fa go ntse jalo Rre Khoane o ngongoregile gore gompieno letsha leo le dirisiwa botlhaswa ke ba dikereke le dingaka tsa setso ba tlogela ditaola le dikerese le go ipeolela teng.
O ne a kopa thuso mo banning go ba ema nokeng gore ba nne le letseno la madi go diragatsa ditoro tsa bone.
O boletse fa ba eme ka ba ofisi ya ga molaodi le ba kabo ditsha.
Rre Khoane o boletse fa komiti ya gagwe e gokela matlo a VDC a le mane motlakase, a bolela gore batho ba tlogela go hirisa mo go one ka gore ga go na motlakase.
O boletse fa puso ka bonosi e ka seke e kgone fa ba sa ikemele ka dinao.
Fa a ntsha la gagwe, Mme Dikeledi Diphofu o boletse fa motse o tlhabololwa go lebilwe dipalo tsa one.
O kopile bana ba motse oo go nna ba balelwa koo e seng kwa ditoropong.
O ngongregile gore ka nako ya boipuso morafe ga o tle go keteka le bone, ba itirela jwa bone kwa malwapeng.
Mokhanselara Charles Modimothebe o kopile babereki ba motse oo go kopa dithuso kwa dikhamphaning tse ba berekang kwa go tsone go aga lekgotlala le le ka direlang motse madi le lefelo la itloso bodutu la banana.
O kgothaditse banana go dirisa mananeo a puso le go kopa thuso mo boeteledipeleng jwa motse.
O buile ka lenaneo la go thusa bomme le le tokafaditsweng gore mme fa a le mongwe a thusiwe ka P100 000.
Fa a bua ka tsa khansele e e fetileng o boletse fa lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) le tsile go ba thusa.
O boletse fa tse ba neng ba di kopile di amogetswe kwa khanseleng. O boletse fa bodiredi jo bo ntseng bo s yo mo motseng jaaka bommaboipelego le balemisi jaanong ba le teng.
Ba botsogo ba ngongoregile ka batsadi bangwe ba ba tlogelang bana le bagodi mme ba palelwe ke go ba isa sekaleng. Ba boletse fa ba ikwalela dikarata gore bana ba a tsoga le mororo go sa nna jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Magwereapitse
Event : Phuthego
Date : 05 Jan 2016






