Breaking News

Monna o thudilwe ke koloi

05 Jan 2016

Monna mongwe o ne a thulwa ke koloi a bo a tlhokafalela gone foo ka letsatsi la ngwaga o mosha.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA mogolwane wa sepodise sa Mochudi Superintendent Olebile Sitale o boletse fa tiragalo eo e diragetse mo tseleng ya A1 mme moswi ene o tlholega kwa Matebeleng kwa kgotleng ya kgosing a tlatsa ka gore o ne a le dingwaga tse di masome a mabedi le motso.

Mo tiragalong e nngwe, mogolwane wa  sepodise a re monna wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro o ne a hula mosimane yo o dingwaga tse di sa tlhomamisiwang ko masimong a Tshele mo tseleng ya Rasesa kgwedi eno e rogwa.

A re bobedi joo bo ne bo bereka gone ko masimong ao mme go tlhalosiwa fa e ne e le monna le setlogolo sa gagwe mme bosigo jwa lone letsatsi leo  monna yoo, o ne a bona sengwe se tsamaya ko lesakeng mme a se hula ka tlhobolo a ithaya a re o hula phologolo kante o hula motlogolo wa gagwe.

A re mosimane yoo o santse a robaditswe kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial mme go tlhalosiwa fa a sidilega a tlatsa ka gore tlhobolo e e neng e dirisiwa ke ya mong wa masimo a ba berekang kwa go one.
Mogolwane wa sepodise o ne a supa fa ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa bobedi joo bo ise bo nne le kgotlhang epe . 

Le fa go ntse jalo Superintendent Sitale o gakolola setshaba go nna kelotlhoko dinako tsotlhe fa ba hula a tlatsa ka gore ba tshwanetse go netefatsa gore dinako tsotlhe ba bona se ba se hulang go itsa go hula ba bangwe.

Mo go tse dingwe tse di amang malatsi a boitapoloso a a sa tswang go feta,Superintendent Sitale a re ba itemogetse koketsego mo melatong e e tshwanang ya boitshwaro jo bo makgwakgwa, dikiteo tse di potlana,go thukhutha le dikotsi tsa tsela fa go tshwantshangwa le tsa ngwaga o o fetileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 05 Jan 2016