Breaking News

Monna o itsere ka kgole

05 Jan 2016

Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa kgotla ya Thini kwa Tutume a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo ya gagwe.

Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodise a Tutume, Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana, tiragalo eo ba e begetswe Sedimonthole a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi ke ba losika lwa moswi.

Asst Supt Nkhwanana a re monna yoo o dirisitse mogala go ikaletsa mme ba ne ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng a tlhokafetse teng mme a sa tlogela molaetsa.

O ne a bolela fa mo go e nngwe tiragalo, ba tshegeditse mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo e mo go yone losea lwa boimana jwa dikgwedi tse di supang lo fitlhetsweng lo latlhetswe mo ntlwaneng  ya boitiketso.

Asst Supt Nkhwanana a re tiragalo eo e diragetse ka Laboraro mme ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo go thusa go ntsha losea loo mo ntlwaneng  mme lwa ragosediwa kwa kokelong kwa go tlhomamisitsweng lo tlhokafetse.

Mo go tse dingwe, o boletse fa go nnile le dikotsi di ka nna tharo malatsi a mararo pele ga go amogelwa ngwaga o mosha mme bapalami ba bona dikgobalo.

O ne a akgola batho ba mo kgaolong ya sepodisi ya Tutume a re ba amogetse ngwaga o mosha sentle go rena boitumelo le tirisanyo mmogo le mapodise, e bile ga go a ka ga nna le ditiragalo dipe tse di duleng mo tseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 05 Jan 2016