Thekiso ya bojalwa e tshwarisa mosadi
05 Jan 2016
Mapodise a Tati-town a tshegeditse mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mane le borobabongwe mabapi le go rekisa bojalwa mo koloing a se na teseletso.
Mo potsolotsong , mookamela mapodise ao, Superintendent Cyprian Magalela a re ba ne ba tshwara mme mongwe ka go rekisa a se na teseletso.
Supt Magalela a re fa ba ntse ba tsweletse ba phuruphutsha mme yoo, ba ne ba fitlhela gape a na le setlhatshana se se belaesegang e le motokwane.
O tlhalositse gore setlhatshana seo se tlaa isiwa go ya go tlhatlhojwa.
Supt Magalela a re ba ne ba tshwara banna ba le bararo ba ba neng ba nwela bojalwa mo lefelong le le sa letlelelweng.
Mookamela mapodise a Gerald Estates, Supt Masego Mathitha ene o boletse fa e ne ya re Sedimonthole a le masome mabedi le borobabobedi ga nna le kotsi ya koloi ya kara e e gapileng matshelo a batho ba le babedi, e bong mme yo o dingwaga tse di masome mabedi le boraro le rre yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe.
Supt Mathitha a re bapagami ba ne ba le bane, go balelwa le mokgweetsi, mme a tlatsa ka go re ba le babedi ba robaditswe kwa Nyangagbwe mme ba a sidilega.
E re dikgang di eme jalo, mookamela mapodise a Matsiloje, Supt Obert Manji o boletse fa e ne ya re ka letsatsi la ngwaga o mosha maitseboa, lekawana lengwe la tlhajwa ka sengwe se se bogale mo sehubeng.
Supt Manji a re lekawana leo la dingwaga tse di masome mabedi le botlhano le robaditswe kwa kokelong ya Nyangagbwe mo Francistown mme o a sidilega.
Le fa go ntse jalo, baokamedi ba mapodise ka go farologana mo Francistown ba akgoletse beng ba marekisetso a bojalwa go obamela melao ga mmogo le Batswana kakaretso ka tirisanyo mmogo e ntle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 05 Jan 2016






