Bakgatla ba batla phimolo dikeledi
04 Jan 2016
Bakgatla bangwe ba supile fa ba batla phimolo dikeledi mo khanseleng ya kgaolo ya Kgatleng morago ga go dirwa ga ditsela dingwe mo motseng wa bone.
Fa a rola matshwenyego a bone, moeteledipele wa lekoko le le batlang phimolo dikeledi, Rre Morgan Kgetsi o boletse fa morago ga go dirwa ga ditsela tse di ralalang motse wa bone matlo mangwe a ne a senyega.
Rre Kgetsi o boletse fa ba sa bolo go ikuela ka kgang eo a tlatsa ka gore le ene rakonteraka yo o neng a filwe tiro eo ga a tsibogele boikuelo jwa bone.
O boletse fa ba bone go le maleba gore ba ikuele mo khanseleng go na le rakonteraka a tlatsa ka gore khansele ke yone e e ka bonang gore e bua le rakonteraka ka ke bone ba ba neng ba mo file tiro eo.
O tlhalositse fa go utlwisa botlhoko gore bagolwane ba khansele ba nna ba ba tshephisa gore ba tlaa ba thusa mme nako kgolo ke eno a supa gape gore bontsi jwa batho ba ba senyegetsweng ba kobo dikhutshwane mme seo se supa fa ba beilwe ka fa mosing.
A re bone se ba se lopang mo khanseleng ya Kgatleng ke phimolo dikeledi fela gore ba kgone go baakanya matlo a bone a a senyegileng.
O ne a re ba a tlhaloganya gore tsela ke ditlhabololo mme fela o ne a kopa bogogi jwa khansele go tsibogela selelo sa bone. E ne ya re a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong a supa fa a itse seemo seo thata a tlatsa ka gore kgang eo e tswa kgakala e buiwa.
O ne a ba tlhomamisetsa gore ba tlaa bona gore ba ba thusa jang a supa fa khansele e sa nna fela e tsweletse ka go tswa ka ditsela tse ba ka thusiwang ka tsone.
A re ditsamaiso di teng tse di tshwanetseng go salwa morago a tlhalosa fa phoso e dirwa ke mongwe le mongwe e bile e baakangwa ke motho gape.
Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele, Rre Nelson Mogapi le ene o ne a supa fa e se maikaelelo a khansele a go tlhoka go tsibogela kgang eo a supa fa gone ba itse gore ke kgang ya bogololo mme ba tlaa leka ka bojotlhe go ba thusa.
Rre Mogapi o ne a ba kopa go nna pelotelele mme a ba tshephisa fa ba tlaa thusiwa go sena bothata bope.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Jan 2016






