Breaking News

Bayeyi ba leboga Tona Tsogwane

04 Jan 2016

Bayeyi mo Gumare ba lebogile Tona Slumber Tsogwane go ba fa pego mabapi le kgang ya go lemogiwa ga morafe wa bone.

Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi mo Gumare. Fa ba akgela, Rre Moqhaho Ramphisi o ne a re o leboga tona Tsogwane go ba itsise fa go na le tswelelopele mo boikuelong jwa bone.

Fa a akgela, Mme Saywa Mmusi  o ne a re kgang ya bone e tsere lebaka go rarabololwa ka jalo a re o solofela gore karabo ya Mopitlo ngwaga o o tlang e tlaa nna ya bofelo.

Tona Tsogwane o ne a ba tlhalosetsa fa kgang ya bone e le gautshwane le go ya bowetsong. O ne a re ditherisanyo di wetse ka jalo tshoboko yotlhe e isitswe kwa go Mma Melao Mogolo yo o tlaa isang pego ko Palamenteng.

Ka jalo tona Tsogwane o ne a ba solofetsa fa palamente e e tlang e tlaa rarabolola  kgang eo mme ba solofele karabo ya bone Mopitlo ngwaga o o tlang. Rre Tsogwane o ne gape a ba lebogela go bo ba ne ba wetse dibete le ntswa ba ne ba solefetse go le gontsi.

Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Okavango Rre Bagalatia Aaron, o ne a re puso e dirise ikgaratlhelo ya morafe wa Bayeyi go golola mefafe e mengwe e e sa lemogiweng.

O supile fa puso e senyegelwa ka go rarabolola dikgang tsa go nna jalo ka bongwe ka bongwe, mme a re tharabololo e nngwe fela e ka fetsa mathata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Jan 2016