Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa leso
29 Dec 2015
Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa leso la mosadimogolo mongwe mo kgotleng ya Boseja kwa Mochudi.
Assistant Superintendent Kabelo Bome o tlhalositse fa e ne ya re kgwedi eno e le masome a babedi le borobabobedi ba amogela pego e e supang fa mosadimogolo wa dingwaga tse di sa tlhomamisiwang ke mapodisi a ne a nwa tee mme a tlhokafala morago.
Asst Supt Bome a re go ne go sena dipelaelo tse di neng di supa gore mosadimogolo a ka tswa a bolailwe ke tee go fitlhela banna bangwe ba bararo ba ragosediwa kwa kokelong ya Deborah Retief morago ga go nwa tee.
Mogolwane wa mapodisi o boletse fa banna bao ba ne ba roroma le go fufula morago ga go nwa tee. A re morago ga tiragalo e, ba ne ba nna le dipelaelo tsa gore mosadimogolo a ka tswa a bolailwe ke tee eo.
Ass Spt Bome a re banna bao ba santse ba robaditswe kwa sepateleng fa moswi ene a emetse go tlhatlhobiwa ke dingaka go rurifatsa se se ka tswang se mmolaile.
Mo go tse dingwe Ass Spt Bome o ne a tlhalosa fa Bakgatla ba ketikile botsalo jwa morena go sena makgwere ape a tlhalosa fa ba sa gatisa dikotsi dipe tsa tsela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 29 Dec 2015






