Kwa Borolong keremose ke dikhwaere
29 Dec 2015
E re jaaka e le tlwaelo gore letsatsi la keresemose le ipelelwa ka ditsela tse di farologanyeng, kwa Morolong ba ne ba keteka letsatsi leo ka dikhwaere.
E ne e le semphete ke go fete kwa Mogwalale fa boidiidi ja batho bo ne bo tshologetse kwa motseng oo, go ya go iponela ka matlho jaaka dikhwaere di ne di iteisanya borathana.
Go ne go sha logong go sala molora jaaka go ne go kopane bomantswitswidi ba dikhwaere; Mog City le TK Choir go tswa kwa masimong a Tlakgama.
Go ne go leba yo o sebete ka jaana dikhwaere tseo di ne di dira bokgeleke jo bo kwa godimo.
Matshwititshwiti a batho go tswa mafelong a a farologaneng go akaretsa le ba Aferika Borwa ba ne ba akola dikhwaere tse.
Khwaere ya Mog City e ne ya ntsha tlhogo go itshupa gore ke bone dikgeleke tsa kopelo ka jaana le kapari ya bone le yone e ne e kgatlha leitlho.
Khwaere ya TK le yone e ne ya seka ya letlelela gore e nne phokoje yo o kwa morago.
Kwa Good Hope, ga bo go kopane bo nko di a oboga ba bangwe e bong Megale go tswa kwa Good Hope le Danger go tswa kwa masimong a Mmalore.
Khwaere ya Megale e ne e sale e itshupile gore ke bone bagaka ba letsatsi ka ba sale ba simolotse ka go goga letlhaku fela di tloga mme seo sa rotloetsa khwaere ya Danger go iteka.
Mo potsolotsong le motsadi wa khwaere ya Mog City, Rre Motlhatlhedi Motlhatlhedi, khwaere eo e tlhamilwe ka ngwaga wa 1970 mme go tsweng goo lowe ga ba ise ba nne le mogopolo wa go boela morago mokgwa wa go ipelela letsatsi la keresemose ka dikhwaere.
Rre Motlhatlhedi o tlhalositse fa dikhwaere di kopanya morafe ka jaana morafe o kopanela tiro e ka go e tshwara ba e fapaanela mo malwapeng a bone ngwaga le ngwaga gore ngwao eo e seka ya nyelela.
A re ba dira seo e le motshelo wa banni ba motse gape e le go itlosa bodutu kwa ntle ga dikatso dipe fela.
Rre Motlhahtlhedi a re ba gatisa dipina tsa bone e le tsela ya go rekisa bokgeleke jwa bone le gore ba bone letseno la madi go nonotsha tiro ya bone ngwaga le ngwaga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Goodhope
Event : Dikhwaere
Date : 29 Dec 2015






