Breaking News

Banana ba Mosolotshane ba eme ka dinao

29 Dec 2015

Banana ba Mosolotshane mo kgaolong ya Shoshong ba re ba tshwentswe ke seemo sa ditlhabololo mo motseng wa bone.

Ba buile se, mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Dikgang Makgalemele bosheng.

Ba re mo lenaneong la ditlhabololo tsa kgaolo la DDP8 ga go na fa motse wa bone o tlhagelelang teng mme se, se ba tsentse tsebetsebe.

E rile go bona se, banana ba ipopa setlhopha se ba se biditseng Mosolotshane Support Group go ema ka dinao go bona gore ba ka dira eng go emela motse wa bone ka dinao.

Mongwe wa banana ba, Rre Peter Kgothwane, o ne a tlhalosa gore motse wa bone o motona fela thata mme seemo sa ditlhabololo, metsi, kokelwana le tse dingwe ga di ba jese diwelang.

Rre Kgothwane a re go supagala gape gore le tsone ditlhabololo tse di tsileng go dirwa mo motseng wa bone go tsile go tsaya dingwaga go ntse go ise go dirwe sepe.

O ne a fa sekai ka kokelwana ya motse wa bone a re e tlamela banni ba metse e e mabapi le bone mme ka jalo ga e a lekana ka e bile le ditsholofetso tsa gore e tsile go katolosiwa di seyo.

Monana yo mongwe, Rre Disang Disang, o ne a tlhalosa fa ba ikaeletse go thusana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, komiti ya batsadi le barutabana ga mmogo le bogogi ka kakaretso go bona gore ba tsosolosa motse wa bone.

Rre Makgalemele o ne a dumelana le bone gore gongwe motse wa bone o ka tswa o saletse kwa morago mme a tlhalosa gore DDP8 ga e ise e rurifadiwe mme o tsile go dira ka gotlhe gore o ka thusa jang gore motse wa Mosolotshane le one o bone ditlhabololo.

A re banana ke bone ba tshwanesteng go di goga kwa pele go bona gore metse ya bone e a tlhabologa.

A re maikaelelo a puso ke go bona Motswana mongwe le mongwe a akola ditlamelo tse di tokafaditsweng.

Rre Makgalemele o ne a tlhalosa gore fa ba ka bopagana jaana go ka ba isa kwa pele.

O ne a ba kopa gore ba dire lenaneo le ka lone ba tlhalosang tse ba di tlhokang thata mo motseng wa bone, a rotloetsa thata mowa wa boipelego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Dec 2015