Monna mongwe o tlhasetse kgosi
29 Dec 2015
Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi, o batlile a bona go se gontle ka Labone fa a ne a tlhaselwa ke rre mongwe kwa ofising ya gagwe kwa kgotleng kgolo.
Go ya ka mogolwane wa mapodisi a Maun, Superintendent Peter Gochela, rre yoo, yo o dingwaga tse masome a mararo le borataro wa kgotla ya Boseja kwa Maun, o tsene kwa ofising ya ga kgosi a sa letlelelwa.
O ne a betsa Kgosi Moremi ka lebole mme kgosi a tlhaba mokgosi. Kgosi o ne a namolwa ke mapodisi le batho bangwe ba ba neng ba le foo.
Superintendent Gochela a re ba santse ba tshegeditse rre yo, mme e tlaa re morago a isiwe fa pele ga lekgotla go lebisiwa molato wa titeo e potlana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 29 Dec 2015






