Tjekeledza o thusa go tlhabolola Tutume
20 Dec 2015
Mogolwane wa lephata la ditsela kwa khanseleng-potlana ya Tutume, Rre Tshepho Babeele, a re nngwe ya ditiro tsa bone ke go tlhomamisa gore ditsela di siametse go dirisiwa.
Rre Babeele o buile jalo kwa moletlong wa lekgotla la Tjekeledza kwa Tutume fa go ne go simolodisiwa tiro ya go tshwaya matshwao a tsela kwa kgotleng ya Thini.
A re fa go sena letshwao le le kaelaeng motho gore tsela e borai fa kae, kana e felela fa kae kana lefelo le o ka bonang thuso gaufi la botsogo, motho o tsaya nako go batla mo gongwe a fetile lefelo la teng, mme fa e le go tlhoka matshwao a tsela gone go felela go baka dikotsi. Rre Babeele o ne a supa fa puso e leka ka bojotlhe go baakanya ditsela le go tsenya matshwao a tsela gongwe le gongwe
O ne a kopa setshaba go tlhokomela matshwao a tsela, a re fa a sa tlhokomelwe ditsela di tlaa felela di nna borai mo matshelong a batho ka go tlaa bo go sena sepe se se laolang tiriso ya tsone le go tsibosa batho ka borai jwa tsone.
O ne a tsweletse a bolela fa ba ya go tshwaya letshwao la makgabaganyo a tsela (zebra crossing) go bapa le kgotla ya Thini, le letshwao la T-junction fa go kopanang tsela e e tswang Selolwane le e e tswang Magapatona le go tshwaya dithotobolo tsa tsela (hump) fa sekoleng sa Thini.
Mothusa modulasetilo wa mokgatlho wa Tjekeledza, Rre Khumo Mmoloki a re mokgatlho oo ke wa banana le batho ba Thini.
A re maikaelelo a mokgatlho oo ke go thusa mo go tlhabololeng motse wa Tutume.
Rre Mmoloki o ile a tlhalosa fa moono wa bone e le gore mongwe le mongwe a tsaye lengwe la matshego a setshaba a tebelopele mme a leke go le diragatsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Moletlo
Date : 20 Dec 2015






