Breaking News

ESP e fa banni ba Palapye tsholofelo

20 Dec 2015

Banni ba Palapye ba galaleditse lenaneo la go rudisa itsholelo ba re fa le ka dirwa jaaka le tlhalosiwa le tla a ba solegela molemo.

Banni ba Khurumela le Lotsane, ba kopile mopalamente wa bone Rre Moiseraela Goya go bua le puso ka magatwe a gore badirelapuso bangwe ba rekisa dithendara.

Ba re kgang e, e a ba tshwenya ka gore ke gone fela kwa modi wa mathata o simologang teng, e re le fa lenaneo le a bo le tlaa bo le le lentle le bo le kgotlelwa ke tsone dikgang tsa “njesa sengwe” tse ba rileng di atile thata mo diofising tsa puso. Ba ne ba supa fa ba amogela mogopolo wa go nonotsha itsholelo, mme ba re fela jaaka tlhaloso e supa fa le ya go inola Batswana mo lehumeng ka go tsenya ditiro mo matsogong a bone.

Ba ne ba re nako e tsile ya gore go tsenngwe dipone tsa mekgwatha ka gore go gola ga Palapye go dira gore borukutlhi bo ye magoletsa.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Khurumela, Rre Kelatlhegile Gontse o ne a supa fa ba ikaelela go lema merogo mo kgotleng le go rua dikoko le o tlhabolola kgotla ya Makabi.

O ne a supa gape fa ba na le bothata ka dinako tsa dipula a re ba agelwe motshelakgabo mo molapong gore ba kgone go tlola.

Rre Gontse a re e tlaa re mo ngwageng o o tlang  ka Mopitlo, terena e e rwalang batho e bo e simolola go tsamaya, le gone go supa fa mo nakong eno madirelo a a fetlhang motlakase a Orapa, Matshelagabedi le Morupule B a dira sentle.

Mothusa mokwaledi wa khansle, Rre Gobotswang Ramogala o ne a latlhela ka tsamaiso ya lenaneo la ipelegeng a supa fa le dirisa madi a mantsi a re kgotla e le nngwe e kgona go dirisa go feta P800 000 ka ngwaga.

O ne a re lenaneo leo le thusitse Batswana ba le bantsi fela thata, ba a rileng ba dirisa madi ao go reka mo dikgwebong tsa Batswana mo Palapye, fela ke gore batho ba lone lenaneo la ipelegeng ga ba tsamaise dilo ka fa go tshwanetseng segolo jang ba ba le eteletseng pele kwa dikgotleng.

Fa a leboga, mokhanselera wa kgaolo ya Lotsane/Tlhomadithotse Rre Lesego Setlhare, o ne a leboga puso ka lenaneo la go rudisa itsholelo, a bo a re o tlaa kopana le ba VDC ya gagwe go ikgolaganya le dikhamphani go ba kopa go tlhokomela sekole sa Boipuso se mo nakong eno se sa direng sentle, mme a lebogela gape gore go tlaa dirwa tsela ya kgaolo ya gagwe go ya kwa kokelwaneng.

O ne a kopa gore puso e thuse balemi-barui go ba epela didiba le kgokelo ya motlakae kwa merakeng ka ditlhwatlhwa phokoletso, a re kana ke gone ko itsholelo ya lefatshe leno e lebileng teng. 

 

O ne gape a re go le gantsi mafelo a a mo letshitshing la noka ke mafelo a a nonneng go ka dirisediwa bojanala, a supa fa lefelo la morwalela le ka dirisediwa seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 20 Dec 2015