Independent Assemblies e thusa setshaba
17 Dec 2015
Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Peleng kwa Lobatse a re kereke e supa lerato le kutlwelobotlhko ka go fitlhelela setshaba kwa se leng teng.
Kgosi Itumeleng o buile jalo bosheng fa kereke ya Independent Assemblies of God e ne e tshwere tirelo ya go fitlhelela setshaba.
A re ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016 la setshaba se se lerato e bile se le kutlwelobotlhoko.
O tsweletse a bolela gore lerato le botlhokwa, a rotloetsa gore go ratwe go bo go tlhokomelwe ba ba tlhokileng lesego jaaka ba-na-le-bogole, a tlatsa ka gore dikereke di nna di le kwa pele.
E rile a lekodisa ka tiro ya letsatsi le, Moruti Fenny Ramatshaba a bolela fa e le thulaganyo ya Modimo, gore ba bo ba kgonne go lemoga gore batho ba na le letlhoko, mme jaanong kereke le yone e tsaya karolo le boikarabelo ka go tsaya kgato go thusa puso go lemoga batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Moruti Ramatshaba a re nako e gorogile gore puso e thusiwe ke dikereke, a bolela gore dikereke di ka tsena ntlo le ntlwana go bona matlhoki, gape ka ntlha e nngwe go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a ipotse gore ene o dira eng mo diemong tse, a tlatsa ka gore nako e gorogile gore kereke e thuse puso go isa lefatshe kwa Modimo a le batlang teng.
Moruti Benjamin Mogome a re maikaelelo magolo ke go fitlhelela matshelo a batho ba ba tshwenyegileng thata, a tlatsa ka gore batho ba ba kwa ntle ga kereke ba feletswe ke tshepho ka jaana dipelo tsa bone di thubegile. A re go tlhoka gore go buiwe le bone ka tshiamo ya Modimo ka gore Modimo o siame ka dinako tshotlhe, mo bathong ba one botlhe.
Moruti Mogome a re lefatshe leno le tletse ka tshephahalo ya Modimo, ka pabalelo ya gagwe, a re Modimo ga a kgetholole, e bile o lorato. A re se se supiwa ke ka fa kereke e dirang ka teng mo go bao ba ba tlhokileng lesego, go ba lemosa gore ba botlhokwa le gore kereke e a ba rata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Tirelo ya kereke
Date : 17 Dec 2015






