Breaking News

Puso e emetse lenaneo la ESP ka dinao

17 Dec 2015

Banni ba Mbalambi le Gungwe ba itsisitswe fa lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) le tla a kgonagala fela fa madi a a tlhokafalang a ka bonala.

Tlhaloso e, e dirilwe ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di tshwere mo metseng e mebedi eo ka Laboraro.

Rre Butale yo o boletseng fa puso e tla a dira ka natla go bona gore lenaneo leo le a diragala, o kaile fa puso e lebile methale e le meraro go le bonela madi; a re mongwe wa methale eo ke wa go tsaya mo mading a lefatshe leno a a kwa mafatsheng a sele.

A re methale e mengwe ke thekiso ya ditswammung segolo jang diteemane, ga mmogo le kadimo ya madi kwa baadimising ba madi ba ba ikemetseng.

A re ke fela fa madi a bonetse mo lenaneong leo le ka diragadiwa jaaka go solofetswe.

Le fa go le jalo, Rre Butale o gwetlhile banni ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa go nna le seabe mo go diragadiweng ga lenaneo leo; a supa fa ba sa tshwanela go iphotlhara fela ba bo ba baya fela mo pusong gore e nne yone e mekamekanang le mokgweleo wa go le diragatsa.

Mo ntlheng e nngwe, mopalamente o ne a itsisi banni fa palamente e e sa tswang go wela e fetisitse melao e e farologaneng e akaretsa wa go fetolela sekolo sa dithuto tsa temo-thuo sa Botswana College of Agriculture (BCA) go nna yunibesithi.

Se a re se tlaa tlisa maduo a mantle a akaretsa go tlhabolola mhama wa temo-thuo ka jaana sekole seo jaanong se tlaa ntsha dialogane tsa dikitso tse di kwa godimo.

A re molao o mongwe o o fetisitsweng ke wa go tlhoma dikgaolo tse di faphegileng tsa go tlhabolola itsholelo (Special Economic Zones); mme a tlhalosa fa puso e tlaa dira ka natla go bona gore dikompone tse di tlaa letlelelwang go dira ditiro tse di farologaneng mo mafelong ao ga di kgorelediwe ke sepe go ka fitlhelela thomo le maikaelelo a tsone.

Banni ba ne ba lebogela tekodiso ya mopalamente mme ba boa ba ama dikgang tse di farologaneng tse di amang matshelo a bone a letsatsi le letsatsi.

Rre Morgan Dubani wa Mbalambi o ne a kopa gore tsela e e golaganyang metse ya Kalakamati le Zwenshambe e ralala metse ya Sekakangwe le Mbalambi e tshelwe sekontere go ba nolofaletsa mesepele.

A re seemo se tsela eo e leng mo go sone mo nakong eno se maswe mo e bileng go sa babalesega go e dirisa.

Rre Dubani o ne a kopa gape gore go okediwe matlo a boroko jwa badirelapuso mo motseng wa gaabo.

E ntse e le kwa Mbalambi, Rre Baraedi Kepaletswe o ne a ikuela mo pusong go abela kokelwana ya motse wa bone koloi e e rwalang balwetse.

O supile fa go amogana koloi le metse e mengwe e e mabapi go ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go akola ditirelo tsa botsogo sentle.

Kwa Gungwe, mongwe wa banni Rre Smart Boy ene o ne a kopa gore ba fiwe terekere gore le bone ba tle ba kgone go dika ba beile tema.

Rre Boy a re mo pakeng e e fetileng ya temo ba ne ba solofeditswe go thusiwa ka terekere mme seo sa seka sa diragala, mme a kopa gore monongwaga ba sekasekelwe ka tlhwaafalo gore le bone ba tle ba bone go ka oba letsogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Mbalambi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Dec 2015