Breaking News

Lekgotla la babereki le a itshekatsheka

16 Dec 2015

E re ka jaana go setse malatsinyana fela gore go laelwe ngwaga wa 2015, maloko a lekgotla la National Amalgamated Workers Union kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ne ba rulaganya phuthego ya go itshekatsheka.

Mo phuthegong eo, e e neng e tshwaretswe kwa Masunga kgwedi eno e le lesome le motso, maloko a ne a nna le sebaka sa go abelana megopolo mabapi le tse ba di fitlheletseng le tse ba reteletsweng ke go di diragatsa tse di amanang le lekgotla la bone.

 Fa a ema maloko a lekgotla leo ka lefoko, modulasetilo wa lekgotla leo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Osego Batswana o ne a tlhalosa gore ka jaana ngwaga ono go lebega o nnile mokhutshwane, lekgotla ga le a kgona go wetsa ditogamaano tsotlhe tse di neng di akantswe go diragadiwa mo ngwageng ono.

A re le fa gontse jalo, sengwe se se bakang gore ditogamaano tseo di bo  di sa wediwa, ke go bo maloko mangwe a sa tlotle maitlamo a go sala morago le go diragatsa maikano a bone a go ema lekgotla nokeng.

Rre Batswana a re leloko lengwe le legwe le tshwanetse la itse fa go le botlhokwa  go tlotla maitlamo go thusa lekgotla go gatela pele, a kopa  gore mo ngwageng wa 2016, maloko a bereke ka thata,a nne seopo sengwe le gone go tla ka maano a go leka go tsweledisa maitlamo a lekgotla.

 Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a gwetlha maloko ka ene go fetola maikutlo a bone le go dira ka natla mo ditirong tsa bone jaaka go tlaa bo go tsenwa mo ngwageng wa 2016, a kgala a menne phatla mokgwa wa botlhoka tsebe mo tirong.

Rre Batswana a re mongwe le mongwe o tshwanetse ya re fa a direlang teng a nna le boikarabelo, a itlama go isa ditirelo kwa setshabeng le gone go diragatsa tse di tshwanetseng, a re seo se ka tila gore ba kgopakgopane le mohiri wa bone le go nna le ditlamorago tse di ba tlisetsang matlhotlhapelo.

 O tsweletse a re mongwe le mongwe o tswanetse a itse fa ‘botshelo jwa gagwe, tiro ya gagwe, e le boikarabelo jwa gagwe, a re ka jalo katlego  mo ditirong le mo matshelong a bone e mo maruding a bone.

Rre Batswana o ile a eleletsa maloko katlego  mo malatsing a keresemose le ngwaga o mosha, a ba gakolola go ikela tlhoko mo ditseleng jaaka ba tlaa bo ba tsaya maeto le mo ditshwetsong dipe fela tse ba tlaa bong ba di tsaya gore ba kgone go tla ba tsweledisa fa ba emeng teng mo ditirong le mo lekgotleng la bone.

Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa lekgotla leo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Jabulani David o ne a re go a tshwenya ka jaana go santse go na le babereki bangwe ba ba tsweletseng ka go itlhokomolosa melawana ya pereko, a tlhalosa fa mo ngwageng ono go nnile le dikgang tsa go sa sala morago melawana ya pereko di le lesome le motso.

Rre David o ne a supa matshwenyego, a kaya fa palo eo e le kwa godimo thata, e bile mo godimo ga moo, bangwe ba ne ba bona go se gontle ka jaana ba ne ba kobiwa mo tirong.

 

Ka jalo mokwaledi o ne a gakolola maloko go bereka, ba itse fa ba direla bana le ba malwapa a bone, mme ba seka ba nna le dikakanyo dipe tsa gore mo godimo ga lemme le ba le fiwang, ba iphe sepe sa mohiri, ka jaana seo se ka ba senyetsa bokamoso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego

Date : 16 Dec 2015