Mokhanselara wa pele o bolokilwe
16 Dec 2015
Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Selokolela-Moshana mo kgaolong ya Borwa, Rre Nelson Rowland, o bolokilwe kwa Kanye ka bofelo jwa beke.
Rre Rowland o tlhokafetse kgwedi ya Morule e le supa morago ga go lwala ka bokhutshwane a le dingwaga tse 65.
Rre Rowland, yo o neng a itsege ka leina la Bokhukhu, o nnile mokhanselara wa phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) go simolola ka ngwaga wa 1989-2009.
Dubui ka go farologana di kaile fa Rre Rowland e ne e le motho yo o tlhaga thata mo ditirong tsa gagwe e bile e le mogwebi wa popota a tsamaisa madirelo a gagwe ka manontlhotlho.
Mongwe wa dibui, tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia, o kaile Rre Rowland e ne e le molemi-morui wa popota.
Rre Ralotsia, yo gape e leng mopalamente wa Kanye Bokone, o boletse fa Rre Rowland e ne e le motho yo o lerato le tlotlo
Tona wa pele wa dikgaolo Rre Peter Siele o boletse fa Rre Rowland a bereketse Botswana Democratic Party ka natla le boikokobetso.
O boletse fa phathi e latlhegetswe ke senatla.
Rre Siele a re Rre Rowland e ne e le motho wa metlae e bile a obamela nako thata. O boletse fa ba berekile mmogo thata mo khanseleng ya Borwa.
Mo boemong jwa khansele ya Borwa mothusa modulasetilo, Rre Alec Seametso o boletse fa ditiro tsa ga Rre Rowland di santse di tsweletse di dirwa ka gore di mo lenaneong la ditlhabololo.
O boletse fa a ne a le senatla ke sone se a tsereng lebaka le le leele e le mokhanselara.
E re le fa, rraagwe Rre Rowland a tlholega kwa Croydon kwa England, ene o tsholetswe mo Kanye ka kgwedi ya Phatwe e ferabobedi ka 1950.
A tsena sekole se sebotlana kwa Rachel, a ya go tsweledisa kwa Kanye High School (Matsaakgang) go fitlha ka lekwalo la bosupa.
Go tswa foo a bereka kwa ga Tautona wa bobedi Sir Ketumile Masire e le motlhokomedi wa didiba. Morago a ya go dira dithuto tsa go baakanya didiba kwa Sebele
O ne e le leloko la mokgatlho wa Kanye Abattoir, Southern District Communal Beef Farmers Association le Phanyane Artificial Insemination. E ne e le leloko la kereke ya ERP Unity Church.
O tsene mo nyalong e e boitshepho le Mme Pulafela Rowland ka 1975, ba segofadiwa ka bana ba supa, banna ba le batlhano le basadi ba le babedi. O tlogela mosadi, betsi ba le babedi le bana ba bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Phitlho
Date : 16 Dec 2015






