Breaking News

Go itlhatlhobela malwetse go a boloka

16 Dec 2015

Batswana ba kopilwe go itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng ka jaana a le borai. 

Mafoko a, a  boletswe ke Kgosi Nobi Moilwa kwa Mogobane jaaka fa ba botsogo ba ne ba isitse ditlamelo kwa bathong bosheng. Kgosi Moilwa o ba gakolotse go itse seemo sa bone pele ga ba ka lwala, gore ba kgone go hema malwetse kana ba tseye kalafi go sale gale.

O kopile Balete go itshwara sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha, a supa fa go ka nna molemo go fokotsa modumo le go tlotlana, a bo a kopa gore fa ba na le mathata ba kope thuso mo mapodising.

 Kgosi o kopile batho ba ba ruileng go tlhokomela leruo la bone ka jaana balemi ba lemile, gore le seka la senya mo masimo.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya HIV/AIDS, Mme Tuelo Chibana, o tlhalositse fa maikaelelo a tiro eo e le go atumetsa ditlamelo kwa bathong ka jaana bangwe ba na le go itsapa go itlhatlhoba. Mme Chibana o tlhalositse fa ba tlisitse ditlamelo ka go farologana, a bo a kopa Balete go di dirisa.

Mogolwane wa mapodise go tswa kwa Botswana Police College, Senior Supirentendent  Lameck Gabakgorwe o ne a tlhalosa fa botsogo e le boitekanelo jwa nama, mowa le tlhaloganyo.

O supile fa botsogo jwa tlhaloganyo e le seemo se motho a kgonang go direla lefatshe la gagwe le motse wa gagwe.

 O boletse gape fa tlhaloganyo e le yone e dirang gore motho a akanye a bo a tsaya tshwetso.

O tlhalositse fa bolwetse jwa HIV/AIDS bo tlogetse bana e le bone ba ba eteletseng pele malwapa, a bo a tlhalosa fa go thibela go le botlhokwa go na le kalafi.Senior Superintendent Gabakgorwe o supile fa malatsi ano malwetse a a sa tshelanweng jaaka jwa sukiri le madi a matona e le one a a tshwenyang, a bo a supa fa malwetse a a ka kganelwa.

  O boletse gape fa ba ipeetse seelo sa gore go seka ga nna le mogare o mosha wa HIV ka ngwaga wa 2016, mme se se ka kgonega fela fa batho ba ka fetola boitshwaro. 

O tlhalositse fa palo ya dintsho tse di bakiwang ke bolwetse jwa HIV/AIDS di fokotsegile go tswa kwa go 14 000 ka ngwaga go ya kwa go 5 800.  

Erile a a fa malebogo, mokhanselara wa Mogobane, Rre Abram  a supa fa go le botlhokwa gore batho ba ithute go tshela le balwala tlhaloganyo, ka jaana go lwala tlhaloganyo go le botlhoko go feta malwetse otlhe.

 O supile fa molwala tlhaloganyo a sa itirele sepe ka jaana a sa ipone, ka jalo go botlhokwa gore baoki ba bone ba ba ithute thata.

O supa fa mo nakong ya gompieno botshelo bo le thata ka go sena metsi, a bo a ba kopa gore ba tsibogele go isa bana ba bone bongakeng fa ba sa tsoga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Mogobane

Event : Phuthego

Date : 16 Dec 2015