Badiri ba abela batlhoki kwa Mulambakwena
16 Dec 2015
Maphata le makalana ka go farologana a tsweletse ka maiteko a go diragatsa matshego a tebelopele ya lefatshe leno ya 2016.
Babereki lephata la tsa pereko le selegae kwa Masunga ba supile maiteko ka bofelo jwa beke fa ba abela batlhoki bangwe ba le babedi mo moletlong o mokhutshwane o o neng o tshwaretswe kwa kgotleng ya motse oo.
Diaparo tse di neng di tswa mo babereking ka go farologana, di ne tsa rolelwa Rre Kgakgamatso Sekelemani le Mme Rebecca Chidi.
Fa a bua kwa tholong ya diaparo tseo mo boemong jwa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Margaret Chienda, o ne a akgola badiredi bao ka mpho ya bone.
A re go a itumedisa go bona batho ba tsweletse ka go tsiboga fa ba bona go na le botlhoki bongwe mo tikologong ya bone.
Mme Chienda o ne a tlhalosa fa se se dirilweng ke babereki bao, se le botlhokwa thata ka se tlaa nna le seabe mo tshekatshekong ya tepelopele ya 2016.
Modiri wa lephata la boipelego kwa Mulambakwena, Mme Onameditse Seetapele le ene o ne a galaletsa maiteko ao, a rotloetsa batho go nna le mowa wa go arogana le ba bangwe.
Mme Seetapele a re batho ba tshwanetse ba itse fa go se mpho epe e e ka galalwang, a supa fa ba boipelego ba amogela mpho nngwe le nngwe go sa kgathalesege gore ke ya selekanyo se se kae.
Ka jalo a re batho ba dire bojotlhe go leka go aba, ka jaana go sa tlhoke le gore motho a bo a na le dikhumokhumo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart, a re babereki bao ba dirile tiro e kgolo thata ka jaana ba supile fa ntleng le tiro ya bone ya go fa batho ditirelo, ba eletsa go direla setshaba se ba direlang mo go sone.
A re go bo ba kgonne go tsaya tsia mafoko a a reng ‘go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, seo se tlaa ba thusa go bona tshegofatso go tswa kwa Modimong.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo ofising ya mesepele le boagedi, Mme Lindiwe Ngwenya a re ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa go nna le seabe sa go direla setshaba se se mo tikologong e ba direlang mo go yone. Ends
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Mulambakwena
Event : Kabo Dimpho
Date : 16 Dec 2015






