Mokwaledi o galaletsa bakgweetsi
15 Dec 2015
Mokwaledi wa khansele-potlana ya Kanye, Rre Senatla Rutherford, o galaleditse bakgweetsi bangwe ba khansele ba ba dirang ka natla go thusa go diragatsa mananeo a puso.
Rre Rutherford o buile jalo kwa moletlong wa tsamaya sentle wa bakgweetsi ba le bararo ba khansele ya bone ba ba neng ba tlogela tiro ka bogodi ka Labotlhano kwa Kanye.
Bakgweetsi bao ke Rre Tuelo Setumo, Mojakgomo Montsho le Olefile Chinanyana.
Mokwaledi o boletse fa bakgweetsi bao ba ne ba itse dikgwetlho tsa botshelo e bile ba ne ba itse go bereka le badirelapuso ba ba neng ba ba kgweetsa mme tiro e nne motlhofo le bofefo.
O boletse fa ba dirile ka natla ba sena melato epe le fa e le go thula ka dikoloi tsa puso.
A re tiro e ne e le bonolo thata fa ba kgweetsa bodiredi ka gore maduo a ne a bonala le maduo a mananeo a puso mo khanseleng ya gagwe a bonala.
O rotloeditse ba ba bangwe ba ba setseng go tsaya malebela ka gore ba dirile ka botswapelo.
O ba kopile gore ba seka ba tsamaya ka botlhale jwa bone le dikgakololo tsa bone ka fa ba kgonneng ka teng mme ba amuse ba ba setseng.
O boletse fa go se motlhofo go bereka ka lebaka le le leele mo dinakong tsa gompieno ka mabaka a dikgwetlho tsa botshelo mme bone ba kgonne.
Rre Rutherford o o ba tsibositse go nna podi matseba ka manweenwee a a rukutlhang batho mo dipakeng tsa keresemose.
Fa ba leboga, bakgweeetsi bao ba lebogile Modimo le baeteledipele ba khansele ka gore ba ne ba ba babaletse mo tirong ya bone.
Ba kgothaditse ba ba setseng go dira ka botswapelo go ntsha maduo mo tirong, ba bolela gore kwa ntle ga bakgweetsi bodiredi ga bo kake ja kgona tiro.
Ba boletse fa pele ga ba bereka mo khanseleng ya Borwa ba ne ba bereka mo meepong ya Aferika Borwa.
Ba boletse fa ba simolotse ka lemmenyana la madi mme ba nna pelotelele go fitlhelela gompieno.
Ba boletse fa ba ise ba biletswe epe melato le fa e le go thula ka dikoloi tsa puso.
Mo dimphong ba ne ba abelwa ditsidifatsi tse di tsenyang metsi a a omeleditsweng(coolerbox), ditshipi tse di tsenyang manyena a dikgomo, ditanka tsedi pakang leokwane le dikere tse di kgobang serobe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 15 Dec 2015






