Komiti ga e dumalane le megopolo
14 Dec 2015
Maloko a komiti ya ditlhopho a ganana le mogopolo wa bangwe wa gore go dirwe matlhophelo a masimo le mereka le gore baemedi ba bokhanselara ba nne le dithutego tse dirileng.
Ba buile jalo mo bokopanong jwa letsatsi le le lengwe kwa Palapye.
Bokopano bo ne bo biditswe go dira ditshekatsheko le go buisana ka matlhophelo a a leng teng gore a a tlhoka le go okediwa kana go fokodiwa.
Moruti Boiketlo Thapelo go tswa kwa Maunatlala o ne a supa fa e ne ya re bosheng ba nna le bokopano le baruti, bontlhopheng le morafe go tla go buisana ka puso ya batho ka batho le ditlhopho, kagiso le go itshwarelelana, itsholelo le tsa semolao.
A re go botlhokwa gore makhanselara a nne le dithutego tse ba ka kgonang go ipalela le go ikwalela ka dinako.
Moruti Thapelo a re bontlhopheng ba ba sa fenyang ditlhopho ba nne le mowa wa neelano le ba ba fentseng go tsweledisa ditlhabololo tsa kgaolo.
Bontsi jwa dikakgelo bo ne jwa supa fa dithutego di tlhokega mo dinakong tsa gampieno, fa Mme Goboletswe Jonh wa komiti ya ditlhabololo kwa Serorome le Mme Gabaresepe Setlhare bone ba ne ba supa fa melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e tlhoka go dirwa sesha, ba supa fa e tlhakatlhakane mo ebileng go tsietsa le bone batlhophi tota.
Ba ne ba re matlhophelo a masimo le meraka ke one a rotloetsang go utswiwa ga batho go ba isa kwa go sa tshwanelang teng ka nako ya ikwadisetso ditlhopho, mme ba tswa ka mogopolo wa gore fa go dirwa melelwane go dirisiwe ditsela tse ditona go kgaoganya dikgaolwana tsa botlhophi.
Rre Oganne Tshokologo ene o ne a re ba-na-le-bogole ba akarediwe fa go dirwa matlhophelo le gore a seka a nna kgakala thata, ka bangwe ba dirisa dikolotsana, tse le tsone di sa kgoneng go tsena mo dikgorong tsa matlhophelo segolo jang fa e le a a mo dikoleng, diholo kana dikereke mme le ene fela jaaka ba bangwe a kgala matlhophelo a masimo le mereka a re batho bao ba na le magae a sennela ruri a e kareng ka nako ya ditlhopho ba kgona go ya go tlhopha.
Mme Releboge Mathabe go tswa kwa Emang Basadi ene o ne a re go tlhabisa ditlhong gore batho ba bo ba sa tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo mme a kgothatsa ba ofisi ya ditlhopho go sa emiseng ipapatso gore batho ba itse botlhokwa ja ditlhopho.
O ne a tladiwa ke mongwe wa maloko a re a go dirwe fela jaaka go dirwa ka Omang batsadi ba itse gore fa ba sa kwadisetsa ngwana omang a le dingwaga di le lesome le borataro ke molato o ka o o otlhaelwang.
Komiti e ne gape ya kopa gore babega dikgang ba letlelelwe go tlhopha le mapodisi le batsamaisa ditlhopho, le gone go tsena kwa go balelwang teng ka go lebega go sena gope fa bone ba umakiwang teng.
E ne e rile go le pele mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Serowe, Rre Segopolo Sakwape, a tlhalosa ka tsamaiso ya ditlhopho, bomosola jwa tsone le tsotlhe tse di solofetsweng ka nako ya ikwadiso go fitlhelela go ya go tlhophiwa mme a gatelela bomosola jwa gore batho ba tshwanetse ba ikwadisetsa fa e leng bonno ja bone.
O ne gape a supa fa maikaelelo a bokopano jo e le go tsibosa le go gakolola maloko ka ditsamaiso tsa ditlhopho ka bophara le gone go ba lemotsha ka tse di tlhokwang e bile di solofetswe mo go bone, ka go ba neela dikitso tse di ba lebanyeng ka tsotlhe tse di solofelwang mo go bone e le komiti.
Rre Sakwape o ne a supa fa mo lefatshing leno go na le ditlhopho di le tharo fela, tsa botlhe tsa setshaba, tsa poelelo le tsa patlo maikutlo mo paakanyong melao, mme tsotlhe di dirwa ka fa molaong.
O ile a tlhalosa ka kgaoganyo ya dikgaolo a re e dirwa morago ga dingwaga tse di lesome dingwe le dingwe fa go tlhokega go lebeletswe go gola ga dipalo tsa botho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 14 Dec 2015






