Breaking News

Dirisang mananeo - kgosi

13 Dec 2015

Puso e tlaa leka ka bojotlhe go tlhabolola Batswana, sebe sa phiri ke go tlhoka tshwaragano le go sa tsaya tsia mananeo a puso.

Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Ditiro Salepito wa Gumare o supile fa banana ba Gumare ba sa tsee mananeo a puso tsia le ka tekatekano.

A re ga ba ikaelele go itirela ka diatla ba ikantse fela go ikaega ka batsadi, mme a re selo se se ba paledisa botshelo fa ba tshwanelwa ke go kgaogana le batsadi. Kgosi Salepito a re puso e phutholotse seatla go thusa banana go itshetsa ka mananeo a a farologanyeng mme ba palelwa ke go dirisa sebaka se.

A re banana ba gana go tsaya mananeo a puso a a ka ba tshetsang, mme ba ganelela mo Ipelegeng ya nama-o-sa tshwere ka ba re ga e na tiro e ntsi.

Kgosi Salepito a re banana ba lese go tlhola ba ntse ka fa tlase ga ditlhare le go siana fa morago ga Ipelegeng ba rwale ditlhako go tsena mo maphateng a puso ba tsee dikgakololo le dithuso tse di maleba ka mananeo.

A re batsadi ba tshwanelwa ke go rotloetsa bana go itirela ka diatla, segolo bogolo fa ngwana a sa nna le lesego la go bona thuto kana go ya kwa dikoleng tse dikgolwane.

Kgosi Salepito a re o tshwenngwa ke botlhokatsebe jwa banana ba ba inaakantseng le nnotagi le go tsamaya masigo. A re go le gantsi banana ga ba bonale mo motshegareng ba itswalela ka matlo mme ba simolola go bonala fela ka lotlatlana ba tsamaya ka digongwana.

Kgosi a re le ntswa puso e rebotse gore thupa e lele, se se paledisiwa ke go tlhoka tshwaragano ya batsadi ba bana ba ba senyang.

A re le batsadi ba ba senyediwang ba amogela pipamolomo selo seo se bo se feletsa se baka gore kgang e felele mo phefong, mme modira molato a ipoeletse a dire molato o mongwe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ame Ketlogetswe

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 13 Dec 2015