Breaking News

Kgosi o rolela baithuti ba Lotsane hutshe

13 Dec 2015

Kgosi Masego Olebile wa Palapye o akgotse bana ba ba neng ba fetsa lekwalo la botlhano kwa sekolong se segolwane sa Lotsane go bo ba dirile kgotla mo sekolong sa bone morago ga dithuto tse ba neng ba di tlhatlhelelwa fa ba fetsa ditlhatlhobo tsa bone.

Fa a bua kwa moletlong wa ngwao o neng o tswaretswe kwa sekolong se segolwane sa Lotsane kwa Palapye, Kgosi Olebile o tlhalositse fa bana ba ba dirile ditso tse di sa kitlang di lebalwa ke ope.

A bo monaabone b aba tlang ko morago ba ya go fitlhela kgotla  e e ntse ele teng.

Kgosi Olebile a re kgotla ke yone e dirileng gore Batswana e nne setshaba se se nang le kutlwano le popagano.

O ile a ba ruta gore kgotla ke lephata le letona go a feta otlhe, a re ke lone lesaka le Batswana ba rerang tsa matshelo a bone teng.

O ile a ba rotloetsa go tsenelela diphuthego tsa kgotla gore le bone ba ntshe megopolo e tla thusang go tlhabolola motse wa Palapye.O ba lemositse fa kgotla e tlotlwa ka jalo bomme le borre ba tshwanela ke go apara sentle fa ba tla ko kgotleng.

O tlhalositse fa go godiwa molelo ko kgotleng, a tlatsa ka gore fa bagolo ba tsena mo kgotleng a etetse motse wa Palapye go engwa ka dinao.

Kgosi Olebile o kopile banana go boela mo ngwaong gore e nne banana b aba nang le boikarabelo.

Fa a bua ka ditso tsa motse wa Palapye, Kgosi Olebile a re motse wa Palapye o nnile teng morago ga gore morafe wa Bangwato ba eteletswe ke Kgosi Khama ba fuduge ko Shoshong mme ba nna mo Palapye.

A re Kgosi Khama o ile a aga kereke  e le mo nakong ya gompieno e santseng ele teng mme morago a fudugela ko serowe.

A re ba ne ba fudugela ko serowe ka gore metsi a ne a le mannye ko Palapye mme ba ya ko Serowe ko a ileng a bona noka ya Manonnye.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutintshi Rre Lister Magowe go tswa ko sesoleng sa Botswana a re kgotla key one lefelo la bokopanelo mme fa go na le mananeo a puso a rolwa mo kgotleng.

A re kgosi e a tlotwa ka ele yone e eteletseng morafe.

A re kgosi o dira ditiro tse dintsi tse di tshwanang le go bolotsa letsema le go letanya morafe.

O ile a rotloetsa bana ba Lotsane go agela mafoko a mosako ga mmogo le dithuto tsotlhe tse ba ileng ba di fiwa.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa bogogi ba sekolo seo Rre James Ponoesele a re bana ka bontsi ga ba bone tshono ya go ya ko kgotleng ka gore ba tsaya nako e ntsi ba le ko sekolong.

A re jaaka ba feditse lokwalo la botlhano ba ya go nna karolo ya sechaba ka jalo ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a go tsisa pharologanyo mo sechabeng sa bone le mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.

A re ka jalo ba tshwanelwa ke go nna bay a kgotleng fa morafe o kopiwa go tla kgotleng. A re o lebogetse motlhala o ba o tlogetseng ko Lotsane wa go tlogela ba agile kgotla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Moletlo wa ngwao

Date : 13 Dec 2015