Lerala o ipaakanyetsa Re a Nyalana
13 Dec 2015
Mokwaledi wa kgotla kwa Lerala, Mme Kebonye Galeeme, o rotloeditse bagolo go dirisa lenaneo la Re-A-Nyalana ka le itsa masula a gantsi a aramelwang ke batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
O buile jalo mo potsolotsong bosheng fa a rekisa mogopolo wa ikwadisetso lenaneo le.
A re e re le ntswa go ise go rurifadiwe letsatsi la moletlo, mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o setse a ntshitse dikgomo go tsamaisa lenaneo le, le gantsi le thusang borre le bomme ba ba ntseng ba nna mmogo ba sa nyalana.
Ikwadiso e e direlwa kwa kgotleng ya Lerala mme mo bogompienong go setse go ikwadisitse batho ba le masome matlhano le borataro.
O ne a gakolola ba ba saletseng kwa morago go iketleetsa go ise go tswalwe.
Mokwaledi o tlhalositse gore lenaneo le la Re-A-Nyalana ke mokgatlho wa boithaopo o o tsamayang o rera efangeli e e reng 'a re nyalaneng' ka go lemogilwe gore go nna mmogo ga batho ba sa nyalana go baka dilo tse dintsi tse di sa siamang.
O ne a supa gore Re-A-Nyalana e kopanetse dikgang tse tsa nyalo le mmakaseterata, kgosi, molaodi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse leba ofisi ya Omang le Molaodi.
Mokwaledi o boletse gore bagolo ba ba setseng ba ikwadiseditse lenaneo le ba ka tshwara masome a matlhano le borataro.
O ne gape a supa gore bagolo botlhe ba ba ikwadiseditseng lenaneo le ga ba ntshe bogadi, sa bone fela ke go reka dipalamonwana ka madi a a ka tshwarang P50 mongwe le mongwe wa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : Lerala
Event : Potsolotso
Date : 13 Dec 2015






