Breaking News

Kgosi o akgola lekgotla la kabo ditsha

10 Dec 2015

Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshwaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o akgoletse  lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng tirisanyo mmogo.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke lekgotlana leo kwa motseng oo bosheng, Kgosi Maruping  a supa fa a itumeletse se ba kabo ditsha ba se dirang e bile go supa fa ba direla dilo mo pontsheng.  

O ne gape a opela matsogo morafe wa motse wa gagwe ka jaana a re ba tsena diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di nametsang, mme a ba kopa go itse mosola wa go nna le setsha. 

Mothusa modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, a tlhalosa fa maikaelelo a leeto la bone e ne e le  go tla go tsaya megopolo le go kopa dikgakololo.

O tsweletse a supa fa lekgotla la bone le tsweletse ka go amogela dikopo tsa metse mme ikopelo e e dirwa ka go romela kopo ka poso e le tsela nngwe ya go fokotsa tshenyetso setshaba.

Mme Gabotlhakanelwe o ne a supa fa tirisanyo ya batho ba Moshaweng e le ya maemo a ntlha ka ba ne ba nna dipelo ditelele ka dinako tse di thata fa ba fudusediwa kwa lekgotleng la kabo ditsha la Thamaga. 

A re khuduga eo e ne ya dira ditirelo dingwe jaaka kabo ya ditlankana tsa bone tsa metse le masimo go nna madiadia.  Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ofisi ya bone e tshwenyegile thata ka ditsha tse di ananngwang ka dipalo tse di kwa godimo. 

A re go dirilwe molao o mosha o ka one batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone ba tlaa seke ba fiwe tse dingwe gape.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Dec 2015