Breaking News

Molao motheo wa dikereke o tshwanetse go salwa morago

10 Dec 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Selolwe kwa Francistown Bophirima, Rre Batshegi Kgari, o gakolotse bagolwane ba dikereke ga mmogo le maloko go dira le go sala morago molao motheo mo kerekeng.

Rre Kgari o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re ga a jeswe diwelang ke go bona dikereke dingwe di retelelwa ke go buisana le go rarabolola diphapaang tse di tlhagogang mo dikerekeng.

A re molao motheo wa motia ke tsela e e ka salwang morago go rarabolola dikgwetlho ka go farologana tse gantsi di nnang le seabe go thuba dikereke. O bile gape a supa fa molao motheo e le bokaedi jo bo rotloetsang tlhompho gape o aga le jone boleng jwa kereke.

Rre Kgari a re kereke ke lefelo le le tshwanelwang ke go fiwa tlotla, ka jalo go botlhokwa gore maloko a dikereke ka go farologana, a iphaphe mo ditirong tse di ka digang boleng jwa dikereke.

A re maloko a kereke a tshwanetse go nna sekao mo setshabeng e bile ba nne tsebe ntlha mo ditirong tse di rotloetsang kagiso le popagano.

Mo go tse dingwe, Rre Kgari o gwetlhile banana ba kgaolo go supa kgatlhego tebang le go ka dirisa lefelo la banana la itloso bodutu.

Rre Kgari o supile fa e le palonyana e se kafe e e etelang lefelo leo ntswa lefelo leo le lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa, bogolo jang thata tsa tiriso ya maranyane a sesha, banana ba ka batla nngwe tsela ya go ka dirisa lefelo le mo go ka ba sologelang molemo.

A re go na le gore banana ba tlhole fela ba gobeya ka mebila, ba ka nna ba phuthagana mo lefelong le ba buisane e bile ba arogane maele a go ka leka go rarabolola dikgwetlho tse bontsi jwa bone ba iphitlhelang ba le mo go tsone.

Rre Kgari o bile gape a tlhalosa fa lefelo le la itloso bodutu le na le dibukana ka bontsi tse di tsibosang ka go iphapha mo tirisong ya dinotagi, tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le tse dingwe ka go farologana tse di rotloetsang botsogo jo bo babalesegileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 10 Dec 2015