Breaking News

Maiteko a go thibela malwetse a a bonala

10 Dec 2015

Mong wa kokelo ya Riverside kwa Francistown, Dr Kgosidialwa Mompati, o galaleditse maiteko a puso e a dirang go thibela malwetse.

E rile a simolodisa letsholo la mokento wa go swa mhama kwa Sebina ka Laboraro, Dr  Mompati a bolela fa maiteko a lefatshe leno le a dirang mo go thibeleng malwetse a a ka kganelwang e le a a kwa godimo thata.

A re mmuso o tsebe ntlha go utlwa molaetsa wa lekgotla la ditshaba la botsogo (WHO), ke ka moo o tsereng tshwetso ya simolodisa mokento wa bolwetse go emisetsa o ntseng o le teng wa lerothodi. O ne a tlatsa ka gore seo se supa fa puso e tshwenyega ka matshelo a batho, ka jalo a kopa setshaba go ema nokeng maiteko otlhe a puso e a dirang go thibela malwetsi a a ka laolesegang.

Dr  Mompati o kaile fa go emisetsa lerothodi ka mokento seo se sa reye gore lerothodi leo le ne le sa dire tiro ya go thibela go swa mhama, mme a re seo go lemogilwe fa mokento o le botoka thata mo go lerothodi ka bana fa ba rothosediwa, go ne go le belaesega ga molemo ba sa nwe otlhe ka bangwe ba a o kgwa.

O ile a bolela fa go rothisetsa lerothodi leo go tla nna go tsweletse go dirwa go fitlhelela go nyelediwa gotlhelele fa nako e ntse e tsamaya.

A re batsadi ba seka ba gakgamala fa bangwe bana ba rothosediwa molemo bangwe ba kentiwa, mme a gatelela ka gore ke molemo o le mongwe o a tshwana o bereka go tshwana.

Gape o ne akgola puso, a re malwetsi a tshwana le  kgotlholo e tona, go swa mhama, mmokwane le a mangwe a simololwa go kentelwa ngwana fa a santse a tsholwa e le go leka go thibela bolwetsi pele ga kalafi.

O tsweletse a tlhalosa fa bolwetsi jwa go swa mhama bo anamisiwa ka go tlhoka go dirisa ntlwana ya boiteketso le go sa tlhape diatla morago ga go dirisa ntlwana ya boiteketso, ka jalo a kopa batho go itshireletsa ka dinako tsotlhe go tila go amiwa ke malwetsi a a thibelwang.

Dr  Mompati o ile a galaletsa batho kana batsadi ba kgaolo potlana ya Tutume ka dipalo di supa fa bana mo kgaolong eo ba kentetswe malwetsi ka go farologana ga one a selekanyo sa masome a ferabongwe le bosupa mo lekgolong.

O ile a gwetlha setshaba go tsibogela dikgang tsa botsogo le go nna ba botsa fa ba sa tlhaloganyeng teng le go thusa ka megopolo go tokafatsa ditirelo tsa botlhe, a gatelela ka gore mmogo ba ka kgona.

Dr  Mompati o ne gape a ba kopa go itlhokomela mo mogareng wa bolwetsi jwa HIV le bolwetsi jwa AIDS le go thusa mo go lwantsheng kanamo e ntsha ya mogare.

Mokhanselara wa Sebina, Rre Kemmonye Amon o ne a gwetlha batho go dirisa mananeo a puso e a ntshitseng mo go lwantsheng malwetsi, a re mananeo a tshwana la rola kepese, go tsaya diritibatsi ka tshwanelo le a mangwe a ka thusa go sireletsa le go atolosa malatsi a botshelo.

Rre Amon o ne a kgala batho bao ba ba tsayang nako ba sa ikatumetse kwa go ba botsogo fa ba sa tsoga sentle, mme ba ye bolwetsi bo setse bo keketse go setse go sena thuso epe le molemo ope o o ka bo kgonang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Sebina

Event : Tshimolodiso ya mokento

Date : 10 Dec 2015