Vee o abela bana paka ya sekole
09 Dec 2015
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Mme Dynah Basutli, o galaleditse moopedi o o tumileng thata, Rre Odirile ‘Vee’ Sento, ka go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lerato mo baithuting ba sekole seo ka go ba abela diaparo.
Mogokgo a re e ne ya re beke ee bosheng Vee a etetse kwa Tsabong, a na le ba Orange a kgatlhwa ke basimanyana ba le bararo.O kaile fa bana bao ba ne ba dira go swela ka go bina kwa ipapatsong eo mme ba gapa maikutlo a gagwe.
A re ka lerato o ne a tsena le bone mo lebentleleng la PEP mme a ba rekela paka ya sekole yotlhe e feletse le ditlhako tsa diteki.
Mogokgo o kaile fa sekole se sebotlana sa Tsabong se na le bana ba ba tlhokang ba le bantsi, mme a supa fa tiro e Vee a e dirileng e le ntle thata.
O ne a gwetlha dikhamphani, maphata a puso a a farologanyeng, bagwebi le setshaba ka kakaretso go thusa bana ba sekole seo.
E re dikgang di ntse jalo Mme Basutli o tlhalositse fa ba alositse bananyana ba sekole sa matlhagola tsela ba ba yang go dira mophato wa ntlha ngwaga o o tlang ba le masome a ferabobedi le botlhano fa go tshwantshanngwa le ba le masome a marataro le botlhano.
A re sekole sa Tsabong se sebotlana ke sone fela mo dikoleng tse dingwe mo Tsabong se se kgonang go amogela bananyana ba dikole tsa matlhagola tsela ka ba na le matlo a borutelo a le mabedi a ba kgonag go rutelwa mo go one.
O akgotse ba lephata a thuto ka lenaneo leo le gore ba kgonne go thapa barutabana ba le bane ba ba rutang bananyana bao ba ba kgaogantsweng ka A le B.
Mme Basutli a re sekole sa bananayana se botlhokwa ka se kgona go suga ngwana gore e re a ya go simolola lokwalo lwa ntlha a bo a setse a tlhaloganya dithuto ka bontsi, go ithuta lefelo le gone go kgatlhegela go tsena sekole.
Mogokgo o ne a tlatsa ka go akgola batsadi ba bananayana ba sekole seo ka tshwaragano le tirisano mmogo e ba e supileng gareng ga bone le barutababana ka ba kgonne go dira tse dintsi le go dira moletlo wa go ipelela kaloso, a ba a ba kopa go tswelela ba dira fela jalo le mo nakong e e tlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Dec 2015






