Breaking News

Ba-na-le bogole ba a babalelwa

09 Dec 2015

Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, a re ba-na-le bogole ba balelwa thata ke manokonoko a itsholelo.

E rile a bua kwa thuto-puisanyong ka ba-na-le bogole e e neng e tshwaretswe kwa Lerala bosheng, Rre Maele a tlhalosa fa go na le ba-na-le bogole ba ba se nang sepe se ba nang le sone ntateng ya gore batlhokomedi ba bone ba ba amoga dithuso tse ba di neelwang ke puso.

A re seo ga se itumedise ka ba-na-le bogole ba tshwanelwa ke go fiwa tlhokomelo e e maleba, a bolela fa puso e dira bojotlhe go bona gore ba fiwa dithuso.

O ne a supa fa bontsi jwa ba-na-le bogole ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme batlhokomedi ba bone ba bipa mpa ka mabele.

O ne a kopa batsadi le masika go tsibogela go begela ba ba maleba dikgang tsa kgokgontsho ya ba-na-le bogole.

Rre Maele a re puso e supile kemo-nokeng ka go fudusa ofisi ya ya ba-na-le bogole  e e neng e le ka fa tlase ga lephata la botsogo go ya kwa ofising ya ga Tautona.

O ne a gwetlha ba-na-le bogole go ikemela ka dinao gongwe le gongwe kwa ba yang go kopa dithuso teng. O ne gape a ba rotloetsa go nna le seabe mo tsamaisong ya lefatshe leno ka go tswa ka megopolo e e nonneng.

O ne a kopa batsena thuto-puisanyo eo go nna le lentswe le le lwelang ditshwanelo tsa ba-na-le bogole mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala. 

Rre Maele o ne a supa fa mongwe le mongwe a na le bogole mme pharologanyo fela e le tsela e bogole bo ka tswang bo amile motho ka teng.

A re motho mongwe o ka nna le bogole jwa tlhaloganyo, tebego le sepe fela se motho a ka se akanyang.

Tona o supile fa ba-na-le bogole le bone fela jaaka Motswana mongwe le mongwe ba na le tshwanelo ya go akola mananeo a puso a go itshetsa.

 

Rre Maele o tlhalositse fa go na le ba-na-le bogole ba le bantsi mo kgaolong ya gagwe mme a gwetlha botlhe go ba lemoga ka go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la tshaba e e lorato e bile e le kutlwelobotlhoko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalethata Malete

Location : Lerala

Event : Thuto puisano

Date : 09 Dec 2015