Breaking News

Bopaganang o ipelela dingwaga tse masome a mararo

09 Dec 2015

Go ne go le boitumelo jo bo bogolo kwa Draaihoek mo kgaolong ya Kgalagadi  fa sekole se sebotlana sa Bopaganang se ipelela dingwaga tse di masome a mararo se ntse se le teng.

Mongwe wa barutabana ba pele  ba baithaopi ,  Mme Areta Oats, o ne a tlhalosa fa go gola ga  sekole seo e  le kgatelo pele bogolo jang ka nako ya bone ba simolotse go ruta bana  fela mo legoeleleng  kwa metsaneng ya Phepheng le Ntshutela.

O kaile fa ka nako eo ba ne ba rutela bana mo ntlung ya kereke ya E.R.P Unity Church le fa tlase ga ditlhare.

A re leina la Bopaganang le ne la tla fa banni ba Phepheng le Ntshutela ba sa dumalane le kago ya sekole  kwa motseng oo mme lekgotla la kabo ditsha ba rarabolola kgang eo ka go tsaya tswetso ya gore  sekole se agwe mo gare ga metse eo  eleng kwa Draaihoek.

Mme Oats o kaile fa leina la Bopaganang le ne le raya gore merafe ya metse eo e tswaragane le gone go utlwana gore ditlhabololo di kgone go nna teng .

Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la Botswana Life Insurance kwa Tsabong, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a ofisi kgolo ya bone ya Botswana Insurance Holdings Limited   (BIHL) e le go rotloetsa thuto ya maemo a a kwa godimo.

O ne a tlhalosa fa sekole seo se butswe ka ngwaga wa 1985 mme go supegetse fa maduo a lekwalo la bosupa a simologile go wela kwa tlase ka ngogola se dirile 34 per cent.

Rre Mogapi a re mo nakong ya gompeino ba setse ba ikgethetse dikole di ferabongwe go balelwa le sa Bopaganang  go  di ema nokeng le go thusa ka didirisiwa tse di akaretsang simolodisa metlobo ya dibuka a supa fa ngwaga o o tlang ba tlaa o simolodisa mo sekoleng seo le gore ba tlaa atswa baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone e le tsela ya go ba tiisa moko mo dithuong tsa bone.

A re metlobo ya dibuka  e botlhokwa ka e thusa baithuti go  tlhwaafalela dithuto tsa bone  bogolo jang ka ba tlaa bo ba kgatlhegela go bala. 

Fa a ntsha lefoko la kgothatso Dr  Reginald  Oats, mongwe wa baithuti ba pele sekole seo, o ne a  kgothatsa baithuti  ba sekole seo go itoma molomo wa tlase mo go tlhomamiseng gore ba fitlhelela ditoro tsa bone.

Rre Oats  o ne a kopa baithuti go  tsaya  malebela mo go ene ka go bereka  ka natla, ka dinako tsotlhe go nna le ponelopele go sa kgathalesege gore ba kopana le dikgwetlho tse di ntseng jang, a kaya fa  go  le botlhokwa ka go busetsa maduo a a molemo le gore mongwe le mongwe o ja mofufutso wa phatla  ya gagwe.

O ne a gwetlha batsadi go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka seo se ka  thusa thata mo go busetseng  serodumo sa sekole seo ka go ka  tlisa maduo a a kgatlhisang ka go supegile fa a boetse kwa morago fela thata.

Kgosi Charles Bimbo o ne  a akgola thata morutabana wa pele Rre Fannuel Mmereki yo e leng mogokgo mo  sekoleng  se sebotlana sa  Werda ka tiro e ntle  e a kileng a e supa  mo sekoleng  seo ka a ne a  dira ka natla mo go tlhomamiseng gore  maduo a sekole seo a nna botoka. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Draaihoek

Event : Moletlo

Date : 09 Dec 2015