Puso e tsaya bogosi tsia
09 Dec 2015
Mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, a re puso e tsaya tsia tsamaiso ya bogosi ka jaana e le pinagare ya setshaba. Rre Morupisi o ne a bua jalo kwa peo semmusong ya ga Kgosi Dikakanyo Otukile wa Malaka beke e e fetileng.
O boletse fa go tswa goolowe, bogosi mo merafeng ka go farologana bo ntse bo le teng. A re go botlhokwa thata gore puso le bogosi di dire mmogo go tlhabolola matshelo a Batswana.
Rre Morupisi o ne a kgothatsa Kgosi Otukile go ithuta le go itse ka tsamaiso ya mananeo a puso ka go farologana ka morafe wa gagwe o tlaa bo o lebile mo go ene go ba etelela pele le go ba gakolola go dirisa dithuso le ditsamaiso tse di leng teng.
A re badirelapuso ba ba mo motseng wa ga Kgosi Otukile ba mo diatleng tsa gagwe gore a ba dirise go tlhalosetsa morafe wa gagwe ka mananeo a puso.
A re puso e dirile gore ka maemo a kgosi e nne leloko la dikomiti jaaka tsa ditlhabololo tsa motse, tsa temo-thuo, le dikomiti tsa badirelapuso le go netefatsa gore o nna a na le kitso le seabe mo go tsotlhe tse di diragalang.
O boletse fa se se thusa gore dikgakololo tsa ga Kgosi Otukile mo go tsa ditlhabololo le matshelo di utlwale motse ka bophara.
A re go botlhokwa thata gore e re a rwele maikarabelo a a kana a ithute ditsamaiso gore a nne le kitso ya go tsamaisa dilo ka tsela e e sa gotlhagotlhaneng le melao e e dirilweng ke palamente.
O tsweletse a re go botlhokwa go ithuta ka melao e e tsamaisang ditsheko.
A re puso ya batho ka batho e dira botoka fa go na le neelano fa gare ga puso le setshaba. O ne a kgothatsa Kgosi Otukile go amogela se, e le boikarabelo jwa maemo a gagwe.
Rre Morupisi o ne a kgothatsa kgosi gore a amogele setshaba sa gagwe sotlhe ka dipharologanyo tsa sone e le tsa ditumelo, merafe ka go farologana kgotsa tsa sepolotiki. A re kgosi thotobolo e olela matlakala mme se se tlhoka bopelotelele ka tiro e kgolo ya gagwe e le go bopa setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Malaka
Event : Peo ya kgosi
Date : 09 Dec 2015






