Mokgatlho o simolola dikgaisano
09 Dec 2015
Mokgatlho o o tlhamilweng ke banana ba Mahalapye wa We Are One Family o simolotse dikgaisanyo tsa mmino, poko le moopelo.
Dikgaisano tseo di tlaa simolola ngwaga o o tlang Hirikgong a tlhola malatsi a le boferabobedi kwa Mahalapye.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Keotshephile Ntwaetsile, o boletse fa dikgaisano tseo di tlaa tshwarelwa mo mafelong a le lesome mo Botswana go simolola ka Mahalapye.
A re mofenyi mo lefelong lengwe le lengwe le dikgaisano tseo di tlaa tshwarelwang teng o tlaa nna le sebaka sa go gaisana le bafenyi ba bangwe mo dikgaolong tse dingwe ka makgaola kgang.
Rre Ntwaetsile o tlhalositse fa maikaelelo magolo a dikgaisano tseo e le go godisa talente ya banana gore ba tle ba kgone go itshetsa ka yone ga mmogo le go ntsha banana mo mekgwatheng gore ba seka ba raelesega go inaakanya le nnotagi le borukutlhi.
O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o bapatsa dikgaisanyo tseo thata ka maranyane a Facebook mme banana bangwe ba setse ba supile kgatlhego ya go tsenelela dikgaisanyo tseo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore barulaganyi ba dikgaisanyo tseo botlhe ke baopedi.Rre Ntwaetsile o tlhalositse fa ba le mo letsomong la barotloetsi mme go setse go na le barotloetsi ba ba supileng kgatlhego ya go rotloetsa dikgaisanyo tseo.
Rre Ntwaetsile o rotloeditse banana go tsena dikgaisano tseo ka dipalo tse di kwa godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 09 Dec 2015






