Ba gakololwa go inaakanya le temo ya nosetso
09 Dec 2015
Balemi ba Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go ikopela lenaneo la temo ya nosetso le e leng karolo ya ISPAAD.
E rile a buisa balemi, molemisi yo o direlang kwa motseng oo, Rre Ditiro Bolepya a re lephata la temo-thuo le na le lenaneo la temo ya merogo, le mo go lone puso e thusang balemi go simolola le go tsweledisa temo ya nosetso, mme a gakolola balemi go inaakanya le lone ka mmetela ka le santse le ka nowa moro.
A re thobo ya merogo mo lefatsheng leno fa e kopantswe ga e goroge kwa seelong se se batlwang go jesa Batswana, mme seo se pateletse puso go reka merogo kwa ntle.
A re ke ka moo go leng botlhokwa gore balemi ba le tsibogele. O tlhalositse fa lenaneo la ISPAAD, le kgaogantswe ka dikarolo tse pedi e leng, temo ya komelelo le temo ya nosetso, mme a re fa e sale le tlhamiwa ka ngwaga wa 2008, ga go na ope yo a ikopetseng la temo ya nosetso mo kgaolong ya gagwe.
A re go botlhokwa thata gore Batswana ba le aramele le sa tlhabile ka go tsibogela go inaakanya le mananeo a puso a a farologaneng a tshwana le la temo ya merogo, ka gore e tlaa re mo nakong e e tlang a bo a sa tlhole a bonwa mahala mme ba sale ka go ikotlhaya.
Rre Bolepya o supile fa balemi ba ka kgona go thusiwa fa ba ipopile setlhopha kgotsa ka bonosi mme a re go tlhokana le gore molemi a bo a iphunyeditse sediba se se ntshang metsi a a lekaneng go nosa dijalo mo tshimong gore a kgone go akola lenaneo le.
A re fa molemi a ikopela lenaneo le ka bonosi o fiwa dipeo le menontshane, le didirisiwa tsotlhe tse di gogelang metsi go tswa sedibeng di ya dijwalong, tse di akaretsang mathombo le diphaephe, mme a re puso e ka mo thusa ka go mo duelela 40 per cent, mme molemi le ene a ituelele 60 per cent.
Molemisi Bolepya a re fa balemi ba ipopile setlhopha ba fiwa menontshane le dipeo, le didirisiwa tsotlhe tsa nosetso, mme a re puso e ba duelela 60 per cent, fa balemi ba ba mo setlhopheng bone ba ituelela 40 per cent.
O gakolotse balemi ba ba nang le keletso ya go tsena mo lenaneong le, go ikgolaganya le diofisi tsa selemisi gore ba thusiwe.
Mo go tse dingwe, Rre Bolepya o rotloeditse balemi go itebaganya le go lemela leruo la bone dijo ka nako ya leuba, a supa fa puso ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD e thusa balemi ba ba eletsang go lema lab-lab. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Bokopano
Date : 09 Dec 2015






