Breaking News

Khansele isa ditirelo kwa setshabeng

09 Dec 2015

Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a re makhanselara a tlamega go diragatsa dikopo tsa batlhophi.

 A re  tiro ya mokhanselara ke go gokaganya  batlhophi le khansele le bodiredi ka go isa dikopo tsa bone, a re le gone go ba fa phetolo go tswa kwa go ba ba maleba.

O buile   jalo fa bodiredi jwa khansele  le makhanselara a Lobatse  ba ne ba isitse ditirelo kwa setshabeng bosheng.

Mme Kruger a re makhanselara a itsise morafe ka mananeo  a khansele  ka go tshwara diphuthego tsa kgotla.

  A re   e le makhanselara ba eletsa thata go utlwa mo setshabeng go tokafatsa   ditirelo gore ba ntshe tsa maemo a ntlha ka gore ba batla go isa toropo ya Lobatse kwa pele. 

 A re ba tshwere letsatsi la go isa   ditirelo  kwa setshabeng e le bodiredi le makhanselara, gore morafe o  tle   gaufi le bone, go utlwa matshwenyego a bone ka maphata a a farologaneng  a khansele ba le kwa ntle ga diofisi.

 Mokhanselara wa  kgaolwana  ya Tsopeng,  Rre   Gofaone  Kedise fa a tswa la gagwe o ne a re go   isa  ditirelo  kwa  setshabeng  go botlhokwa, ka jaana dinako tse dintsi fa ba biditse diphuthego tsa kgotla batho ga ba kgone go tla botlhe  ka mabaka a farologaneng a botshelo.

A re ba dumela gore mo mmolong ba tlaa kgona go kopana le bao ba e leng gore ba a bo ba le mo tirong  ka nako ya diphuthego tsa  kgotla, le go ba bontsha kwa  ba ka bonang dithuso tse di maleba mo maphateng ka go farologana, go tla ka megopolo  e e  ka thusang go tlhabolola ditirelo.

 

Makhanselara ka go farologana a ne a kopana le batlhophi  ba bone go ba  bontsha kwa ba ka bonang thuso  e ba  e tlhokang teng,  ba se kwa diofising ka gore khansele e tsisitswe kwa bathong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Tliso ya ditirelo kwa setshabeng

Date : 09 Dec 2015