Breaking News

Se tshwarwa ke ntsa pedi ga se thata

08 Dec 2015

Rre Segopotso Samo wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe le Rre Lucky Mosala wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa ba Kanye ba ikopantse go rua dikoko tsa mae.  

Mo potsolosong bosheng, Rre Mosala a re ba filwe dithuso tsa madi ke lephata la banana le ngwao ngwaga  ono o simologa. 

“E rile re bona re na le botsipa e bile bo tshwana ra bo re dumalana go ikopanya gore re ikopele madi mo pusong go simolola kgwebo ya thuo ya dikoko tsa mae’’ a tlhalosa jalo.

O tlhalositse fa ba thusitswe ka dikete tse di robang bongwe tsa dipula  go reka tsotlhe tse ba ka di tlhokang mo thuong ya dikoko.

A re ba ne ba kgona go reka dikoko di le makgolo a mane le dikutla tse di tsalelang di le nne tse di tsenyang dikoko tse di lekgolo e le ngwe. 

Rre Mosala o tlhalositse fa ba ne ba sa fiwa dithuso tsa madi fela ka ba ne ba isiwa sekoleng sa thuo ya dikoko selekanyo sa dibeke tse pedi mme ba tla ba amule go le gontsi. 

A re ba ne ba rutiwa ka malwetse a dikoko le dijo tsa dikoko go simolola fela fa di thubiwa mo maeng.

A re kitso e ke yone e tshegeditseng gore dikoko tsa bone di bo di ise di bolaiwe ke malwetse a dikoko go fitlha mo nakong eno.

E rile a latlhela la gagwe, Rre Samo a re fela jaaka dikgwebo tse dingwe le bone ba lebanwe ke kgwetlho ya phiriso ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

A re kgwetlho e nngwe ke gore dijo tsa dikoko di a tura mo lefatsheng leno. 

O tlhalositse gore kwa ntle ga dikgwetlho tse, kgwebo e dira sentle fela thata e bile e fetotse matshelo a bone ka ba kgona go thusa malwapa a bone. 

“Tota mo nakong ya gompieno  re lebile thata gore re kgone go busa bontlha bongwe jwa  madi a puso e re thusitseng ka one, gore re kgone go thusiwa gape gore re reke tse di tlhaelang bogolo thata koloi e re ka e dirisang go isa dithoto tsa rona ko bareking sentle’’ a tlhalosa jalo.

Rre Samo a re ba eletsa gore kgwebo ya bone mo dingwageng di se kae e bo e godile ba ruile mefuta yotlhe ya dinonyane jaaka dikgaka, dikoko tsa nama le diphikoko gareng  ga tse dingwe. 

O tlhalositse fa ba eletsa go bona ba kgonne go thapa batho ba bangwe e le ntlha ya go thusa banana jaaka bone ba ba senang lesego la go bona ditiro.

Rre Samo o ne a rotloetsa banana gore ba seka ba ne ba itsapa le fa ba busiwa gantsi kwa diofising  gotwe ba ye go baakanya ikopelo kgwebo ya bone. 

“Banana ka bontsi fa ba bona ba bosiwa gantsi gotwe ba ye go baakanya ba tsamaela ruri ba re ga ba fiwe thuso sentle mme ba kgobege marapo ba bo ba felela ba tlogetse ka go kopa dithuso tsa mananeo a puso”. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Gorata Modisenyane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 08 Dec 2015