Breaking News

Kwa Mabeleapodi ba galaletsa lenaneo

08 Dec 2015

Batsadi kwa Mabeleapodi ba itumeletse lenaneo la thuto la go tsenya bananyana mo dikoleng  pele ga ba simolola lekwalo la ntlha. 

Ba re se, se ka fedisa mokgwa wa go tshaba sekole le maduo a  a sa nametseng. 

Batsadi ba buile se mo potsolosong morago ga tirelo ya go aloga ga bana kwa sekoleng se sebotlana sa Mabeleapodi bosheng.

Mongwe wa batsadi, Mme Oathopha Phiri, a re lenaneo la sekole sa bananyana le thusitse ngwana wa gagwe thata. 

A re lenaneo le le tlaa thusa ngwana wa gagwe thata fa a simolola mophato wa ntlha ngwaga oo tlang. 

Mme Phiri o tladitse ka gore ngwana wa gagwe o tlhaloganya ditsamaiso le boitsholo tse a di rutwang ko sekoleng jaaka go bua sentle le batho.

Mme Phiri o ne a akgola lenaneo le, e bile a rotloetsa batsadi ba ba sa ntseng ba kganeletse bana kwa malwapeng go isa bana kwa dikoleng.

 A re bana ba ba beilweng kwa malwapeng ga ba kitla ba itse se se diragalang kwa sekoleng ka jalo ba latlhegelwa ke go le gontsi. 

Motsadi o ne a tswelela ka gore o kgothatsa batsadi ba bana go rotloetsa lenaneo le fa ba lopiwa ke sekole jaaka go  rekela bana didirisiwa tsa sekole.

Motsadi yo mongwe, Rre Modiri Moatshe, le ene o akgotse lenaneo le la puso a tlhalosa fa le tlhofofatsa mophato wa ntlha. 

A re se se dirwa ke gore bana fa ba simolola mophato wa ntlha ba a bo ba setse ba tlwaetse lefelo le ditiragalo tsa ko sekoleng. 

Rre Moatshe  o ne a tlatsa ka gore lenaneo le botlhokwa fela thata ka le ka thusa le gone go tokafatsa maduo a lekwalo la bosupa. 

O buile fa thuto e e fiwang bana ko mephatong e e kwa tlase e le botlhokwa ka e le yone boago ja gore ngwana o tlaa tswelela jang mo thutong. 

Rre Moatshe o ne atswelela ka go lebogela lenaneo le la sekole sa bananyana a re letla a solegela molemo ba ba dikobo dikhutshwane. 

 

“Mo nakong e e fetileng thuto ya mofuta o, e ne e bonwa ke bana ba batsadi ba bone ba kgonang go duela kwa dikoleng tse bontsi di ikemetseng ka nosi. Jaanong bana botlhe ba tlaa nna le sebaka sa go nna le maitemogelo a thuto e go sa kgathalasegeng seemo sa itsholelo sa batsadi ba bone.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Itumeleng Gabosekwe

Location : Mabeleapodi

Event : Potsolotso

Date : 08 Dec 2015